Naledi

Gothaang e ne e le mogaka!

Ka go itse le go tlhaloganya ka fa Gothaang a neng a bereka ka teng mo motshamekong wa kgwele ya dinao, re dumela fa loso la gagwe e se tatlhegelo fela mo setlhopheng sa Gunners, mme le metshameko le lefatshe leno lotlhe.

Batho ba le bantsi ba teng mo metshamekong ka go farologana, mme re batla go lemotsha Batswana, bogolojang ba ba mo metshamekong, fa Gothaang a ne a le pharologanyo fela thata ka a ne a itse fa motshameko o tshwanetse go tla pele ga gagwe, eleng seo a neng a kgona gore e re a tsaya bogogi jwa setlhopha sa Guna Guna a bo a sa lebale fa mme gape a na le maikarabelo a go thusa ditlhopha tse dingwe.

Re bua jaana ka Gothaang, o ne a sa kgaphele kgakala dikopo thuso go tswa mo ditlhopheng tse dingwe, jaaka erile bosheng a bo a anama le setlhopha sa Township Rollers mo ditirong tsa kwa ntle ga lefatshe la Botswana, se e le go tlhomamisa gore ke motho yo o nang le lorato la boammaaruri mo motshamekong wa kgwele ya dinao, eseng fela mo setlhopheng sa gagwe.

Ga se batho ba le bantsi ba ba tshwanang le ene, mme re solofela fa bontsi bo ithutile go le go ntsi mo go ene ka nako ya botshelo jwa gagwe. Ka nako ya setlhopha sa Gunners se aperwe ke mathata, go ne go se bonolo gore mongwe le mongwe o ka ikamanya le sone, mme ga gakgamatsa go bona Gothaang a tsholetsa lebogo la gagwe go intsha setlhabelo go thusa setlhopha se, fa bontsi bo neng bo ipotsa gore tota o tla a dira eng.

Gothaang ka maitemogelo le lorato la gagwe mo setlhopheng, a swabisa ba le bansi jaaka a ne a inola Guna Guna mo seretseng go e tsholeletsa kwa godimo. O ne a itshupa fa ka boammaruri e le moeteledipele wa tlhwatlhwa eleng seo a neng a kgona go busetsa boitumelo mo barati le balateding ba Mapantsula a Peleng.

Monna yo erile go tsena mo bodulasetilong jwa Gunners ka 2015, a seka a nnela go gotlhana le ope, mme a tlhomamisa fa a dira se a se tletseng, eleng seo fela mo sebakeng se se kwa tlase ga dingwaga tse pedi, a bo a kgonne gore e re gongwe le gongwe go tloga kwa Lobatse, go tsena Gaborone go fetela bokone go bonale bontsi jwa batho ba kgabile ka mebala ya setlhopha sa bone.