Naledi

Morafe wa Oodi o lelela sekole

Selelo

e le gore jaanong morafe o a sokola ka o patelesega go isa bana ba bannye ko bokgakaleng jwa Modipane le Matebele le ntswa go na le dikago tsa sekole se mo Oodi.

Dingwaga tse di fetileng puso ka lephata la Ditsha le Tlhabololo Magae e ne ya laela gore go simolodidiwe dikole tsa bana ba ba botlana ba ba iseng ba lekane go simolola mophato wa ntlha kwa dikoleng tse di potlana, se e le gore bana ba a belegelwe mo go tsone dikole tse, mme tlhokomelo le tsamaiso ya tsone e le ka fa tlase ga komiti ya ditlhabololo kwa metseng ka go farologana ga yone.

Se mme se ne sa diragala mo dikgaolong ka bontsi, go akaretsa le gone kwa motseng wa Oodi tota, kgato fela e e neng ya amogelwa ke morafe ka diatla tsoopedi ka o ne o bona le go tlhaloganya bomosola wa sekole se sa bana ba banne, bogolo jang mo

 magaeng a a senang ditlamelo ka bontsi. Baagi ba Oodi ka go farologana ba boleletse Naledi fa sekole se, se ne se ba thusa thata go simolola go ruta bana ba sa le ba botlana, eleng seo se neng se bidiwa Babelegi, mme ebile gape ba bolela fa se ne se ba thusa thata mo go fokotseng letlhoko la ditiro bo morafeng ka bangwe ba bone ba ne ba thapilwe mo go tsone go dira ditiro tse di farologanyeng.

Ka jaanong se tswetswe fela ntle le go ririsa morafe wa Oodi, morafe o ngongorega ka gore o babalelwa ke  go isa bana bokgakaleng jwa Modipane le Matebele go ba latisa dikole tsa mothale o, le ntswa motse wa bone o na le kago ya sekole.

Mongwe wa batsadi ba motse wa Oodi, Boleba Polinyane a re ka na tota VDC ke palamente ya motse, eleng seo e tshwanetseng go rwala maikarabelo a go tlhokomela morafe, eseng gore e itirela sengwe le sengwe fela se e se ratang, a tlhalosa gore sekole se sa bana se na le mosola fela o o botlhokwa ka se baakanyetsa bana thuto ba sa le bannye.

A re go utlwisa botlhoko thata go bona mo Oodi VDC e sa bone botlhokwa ba sone gotlhelele, eleng seo ba boneng fela gore ba se tswale ba sa bua sepe le morafe wa OoDI, a tlatsa ka gore o eletsa go bona sekole se, se butswe fela jaaka dingwaga tse di fetileng go amogela bana le gone go thapa baagi ba Oodi mo go sone, eseng go se tswala.

Bangwe jaaka Ame Semele ba ile ba botsa gore tota mme go batliwa batho ba ba ntseng jang go nna maloko a VDC, ka go lebega o kare maloko a ya gompieno e le mathata fela, a re ga gona gore mo dingwageng tsa gompieno go na le motho fela yo o nang le tlhaloganyo o o ka bonang go le botoka go tswala sekole sa bana mo motseng o o kana ka wa Oodi.

Semele a re komiti e ya gompieno e tshwanetse go ntshiwa fela ka bongwe jwa pelo gore go tsene batho ba ba nang le tlhaloganyo ga go thusa morafe, eseng go o gataka ka dinao le go o nyatsa. Fa Naledi e ntse e tsweletse le go batla go itse ka se tota se diragalang, mongwe wa leloko la VDC o ile a bolela fa

komiti e e kgaogane ka bogare, mme go na le maloko a one a senang sepe le go thusa morafe wa Oodi, a a fa sekai sa gore go sale go kopilwe ke ba khansele gore sekole se se dirilwe

teseletso e e ka fa molaong wa gore ke sekole sa thuto.

A re ba ne ba kopiwa gape gore ba tsise ditlhatlhobo tsa batho ba ba tla a hirwang mo go sone jaaka baapei le baphepafatsi, a

 re mme ya go dira setlankana sa teseletso ba setse ba e dirile, mme ba tshwerwe fela go thapa batho le go isa maduo a ditlhatlhobo tsa botsogo jwa bone, se a reng o ipotsa gore se paledisiwa ke eng.

O ne a boa gape a tlhalosa gore dilo dingwe di dirwa ka tshokamo mo sekoleng se, a re ka na ga VDC e sa sa tsamaise e ka se neela motho yo o ikemetseng go se tsamaisa, mme e le moagi wa Oodi, jaanong se ba batlang go se dira ke go se neela ditsala tsa bone tsa batswakwa, mme jaanong ba sa itse gore ba ka dira jang jalo ka go sa letlelwe.

Fa Naledi e bua le bagolwane kwa khanseleng ya Kgatleng, baile ba bolela fa tota bone ba sa amane ka gope le tsamaiso ya dikole tsa magae, mme di le mo maruding a VDC ya motse mongwe le mongwe, fela ba tlhalosa gore VDC ga e a tshwanela go itirela ka go kgona le rata ka dithoto tsa morafe, mme ebile e tshwanetse go rerisa morafe ka sengwe le sengwe.