Naledi

Batswaka ba laola Tse di tona

Go setse go senogile mo metshamekong e gore, batswakwa ba tsweletse ka go nosa dinno tse di botlhokwa go thusa ditlhopha tsa bone go sutlhelela mo makgaolakgannyeng a sejana se sa monongwaga, se se leng thata go gaisa dingwaga tse di fetileng.

Kgaisano e ya tse Di tona, e tshamekiwa ke ditlhopha di robabobedi, tse e neng e le tsone tse di kwa godimo fa liki e ya bokhutlong.

Se se dira gore kgaisano e, e nne nngwe ya dikgaisano tse di thata ebile di ngoka tatedi e ntsi thata ya babogedi le balatedi ba motshameko wa kgwele ya dinao mo lefatsheng la Botswana. 

E dira gpe gore batshameki le bone ba gogela dikauso kwa godimo go supa tlhwaafalo ya go thusa ditlhopha tsa bone go sutlhelela kwa makgaolakgannyeng.

Fela monongwaga go nnile le pharologanyo ka batshameki ba batswaka, bogolojang ka batshamekapele kgotsa banosi ba dinno ba, ba tsweletse ka go tshikinya letlowa kgapetsakgapetsa, mme ba tlogele batshwaradinno ba pitika fela fa fatshe ba tshwere lephoro.

Balatedi ba ditlhopha tsa bone ba bereke go ema gangwe le gape ka dinao, go tlolaka ba itumelela dinno motshameko mongwe le mongwe.

Batshameki ba eleng Tendai Nyumasi go tswa kwa Orapa United, Morris Rusivo le Roger Kumbee Katjiteo wa Galaxy ke bone ba e reng motho a bua ka Mascom Top 8 a seke a tlhoke go bua ka maina a bone, mabaka magolo e le gobo ba ntse ba tshwarisitse batshameka morago le batshwaradinno bothata bo se kana ka sepe motshameko mongwe le mongwe.

Go nosa ga ga Tendai Nyumasi go thusitse setlhopha sa gagwe sa Orapa United go fenya ditlhopha tse dingwe go fitlha se goroga kwa makgaolakgannyeng, kwa se gorogang teng lekgetho la bobedi ka tatelano. Tshameko e ntle ya gagwe e dirile gore go lebege gore Orapa United e dirile sentle go mo kwadisa go tswa kwa Mochudi Centre Chiefs.

Kwa Jwaneng, le gone go letswa meropa go kapisiwa teemane ka ntlha ya gore batshameki ba setlhopha sa koo sa Galaxy, ba iphitlhela bale motlotlo gobo ba kgontshitse setlhopha go fitlhelela makgaolakgang a sejana se.

Bokgeleke jwa ga Morris Rusivo jwa go nosa bobe, bo omeleditse magalapa a batshameka morago ba setlhopha sa BDFXI ka Matlhatso, sa bo sa ntshetswa ntle mo sejaneng se. Rusivo a dira se se dirwang ke Nyumasi wa Orapa Uited.

Motshameki yo mongwe wa motswakwa yo o neng a supa bokgoni jwa go nosa motlhofo mo kgaisanong e, ke Roger Kumbee Katjiteo wa BDF XI, yo ka tlhago a tswang kwa lefatshe la Namibia.

O dikile a garotse barati le balatedi ba Jwaneng Galaxy dipelo jaaka a ne tsere motshameko kgatlhanong le Galaxy ka magetla, a boloditse tlhaselo e e masisi.

Katjiteo o ne a supa gore motshameka pele fa a batla nno o tshwanetse a tlhwaafala jaaka lesole le le mo ntweng.  Katjiteo o tlhokile lesego la go nosa nno ele nngwe fela e eneng e lekanye go thusa setlhopha sa gagwe sa BDFXI go fetela kwa makgaolakgannyeng. Le fa ditlhopha tse Galaxy le BDF XI di ne di lwa jaana, di kolopana ka noga e utlwa, go ne go bonala sentle gore tota mme ntwa kgolo e fa gare ga batswakwa ba batshameki.

Kgaisano e ya Mascom Top 8 e tla a thulanya ditlhopha tsa Galaxy le Orapa kwa makgaolakgannyeng.