Naledi

Sharps, Prisons XI di kgweetswa ke mekaloba

Keitumetse Pio Paul PIC: KABO MPAETONA
 
Keitumetse Pio Paul PIC: KABO MPAETONA

Ka dingwaga tse se neng se dira sentle, setlhopha se ne se na le mokatisi Clever Hunda yo erileng go kgaoganeng le setlhopha se sa sokola go bona mokatisi fela wa tlhwatlhwa, mme monongwaga go lebega ba tshwere tlhapi e tona ka go thapa mokatisi Phillimon Daphil Makhwengwe go loga basimane.

Prisons XI e bitsa Makhwengwe jaana go tla go ba thusa go lwa ntwa e e seng bonolo e, bogolo jang kgatlhanong le setlhopha se go lebegang se na le maikaelelo a go fenya bosimega jwa monongwaga sa Sharps se se supang tlhwaafalo ka go kwadisa batshameki ba ba maitemogelo magolo, gammogo le mokatisi yo o tlhwatlhwa kgolo, Keitumetse Pio Paul.  Prisons XI e ne ya re morago ga go kgaogana le mokatisi Hunda ya nna ya leka bakatisi ka go farologana ga bone, gareng go bone go le Bushy Basitang le Dicker Montwedi, ba go neng go bonala sentle gore ga ba kgone go bona tsela ya go ikgata motlhala sentle go boela kwa liking e kgolwane ya lefatshe la Botswana.

Go goroga ga ga Daphil Makhwengwe go tsisa tsholofelo ya gore o ka thusa setlhopha go ikwala gape mo dibukeng tse di tona tsa motshameko wa kgwele ya dinao, bogolo jang ka a tla a maitemogelo a bokatisi, setlankana se segolo go gaisa sa bokatisi le gone go fenya sejana sa Mascom Top 8 a le mokatisi wa nakwana kwa setlhopheng se se tona sa Gaborone United dingwaga di se kae tse di fetileng.

Go nna ga gagwe mo setilong sa bokatisi sa Prisons XI, go tla a nkgoka leitlho la barati le balatedi ba setlhopha se, le bobegakgang bogolo jang ka ebile e ntse e le ene mokatisi wa bakatisi mo lekgotleng la BFA, fela jalo le go goroga kwa Sharps ga ga Pio Paul go tla a dira gore matlho otlhe a lebe kwa go yone ka le ene a na le kitso le bokgoni jwa go aga le go fenya metshameko e e botlhokwa.  Paul o katisitse ditlhopha di le mmalwa tsa liki e kgolwane, gareng ga tsone go le Unioa Flamingo Santos, Mochudi Centre Chiefs, Extension Gunners, a boa a nna mothusa mokatisi wa setlhopha sa Dipitse, le go nna mokatisi wa setlhopha sa basimane ba dingwaga tse di kwa tlase ga 23.

Mashetla a banna ba babedi ba, a setse a supile fa go tsile go lowa thata, ka erile ka mafelo a beke ba lekana matlhale le mashetla jaaka ditlhopha tsa bone di ne di kopane mo motshamekong wa liki ya borwa ya Debswana kwa motshameko o neng wa fela ka ditlhopha di kgaogana dintlha morago ga go tshameka maleka a dinno tse pedi.