Blogs

Sekole ga se se potlana

Ga re latole, mme ga re itse fa kgotla e tle e nne maina mabedi jaaka motho, go twe, kgotla Yoora Kgabutlwe Bodike. Le fa go ntse jalo, re utlwa fa kwa Goo Tawana/Maun, go na le kgotla nngwe e bidiwa Boseja Kubung.

Leina le, le hakgamatse ka jaaka re bua, ga re a tlwaela go utlwa kgotla e bidiwa jalo; e le maina mabedi.

Go ya ka pego nngwe e re kopanyeng nayo fa re ntse re ya le dithota, go ne ga tshwarwa phuthego kwa kgotleng e, ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Motsheganong. Ga twe, kwa phuthegong eo, komiti ya ditlhabololo tsa motse, (Village Development Committee/VDC) e ne ya rola pego ya yone ya madi.

Gone fa, morafe wa bona sebaka sa go ntsha selelo sa one ka komiti e mme wa bolela e le bonya go tla ka maano a go tlhabolola kgotla ya bone mme selo seo, ba le morafe, ba sa se itumelele.

Go bolelwa fa mongwe gone koo, a ne a re, dikgotla tsotlhe tsa motse di tlhabologile,  di tlhabololwa ke dikomiti tsa tsone, mme ya Boseja Kubung yone e saletse kwa morago.

Go sale foo, ga twe mongwe gape a re, komiti e ntsha madi, ke gore, e dirisa madi, mme go sa supege e dira sepe go thiba phatlha eo; ke gore, e sa dire sepe go leka go batla madi go emisetsetsa ale. Ga nna ga tswelela, ga buiwa ka ntlo nngwe ga twe, e sale e sentswe ke pula ngwaga tse tlhano tse di fetileng mme le gompieno e ntse e fela foo, ga e ise e baakanngwe, le fa gone go na le madi a a ka bong a dirisitswe go e baakanya. 

Polelo e supa fa go ne ga nna ga tswelelwa ga twe fa ntlo eo, e ka bo e baakantswe, e ka bo e tsenya madi, e dira madi, go na le gore madi a nne a tswe fela mme a sa boele ka gope.

Re dumalane gore, fa e le gore go ntse jaaka re utlwa, madi a dirisiwa fela mme go se ke go nne le tsela epe ya go  batla a mangwe go thiba phatlha/photlha ele, seemo ga se sone, se maswe. Le fa gone re sa itse gore bothata ke eng, go bo go ka nna ga twe, VDC  ya Boseja Kubung ga e a tiisa, e repisitse dikgole; ke gore, ga e dire e tlhoafetse mme morafe o bo o ka nna wa e nyatsa, jaaka go twe wa re kgotla ya one, e saletse kwa morago fa tse dingwe tsone di gatetse pele..

Motswana a re, ‘Thota go palangwa e diselo. Jalo he, ga e a re go palama dithota, ra  ya gope kgakala. Re ne ra nna ra atamela  Dikgang (Daily News/ Motsheganong 26  20 2017) mme ra fitlhela polelo e, ya komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Boseja Kubung mo go yone. Fa e bua ka dilo dingwe tse  VDC e, e di dirileng, Dikgang/Daily News  ya re;

‘ …..ba ne ba kopa tshingwana ya merogo kwa sekoleng se se potlana sa Gxhabara.’

Leba mafoko a re a nopotseng a sentle, mme mo go one, o tlaa bona lefoko ‘potlana.’  Ga twe, ‘ …… sekole se se potlana.’  Kgang ya rona gompieno e itebagantse le lefoko le, e botsa gore, a le dirisitswe sentle? 

Re re, a Setswana se bua jalo se re, sekole se se potlana? Fa re bua ka dikole gore di kana kang, re itse gore mono gae, re na le dikole tse ditona le tse dinnye. Mme gantsi ( e seng go le gantsi) fa re bua ka tse ditona, re dirisa lefoko ‘kgolwane,’  re re, dikole tse dikgolwane. Fa re bua ka tse dinnye, re dirise lefoko ‘ potlana,’ re re, dikole tse dipotlana.

Go ntse go ntse jalo, mafoko a gape a dirisiwa fa go buiwa ka dilo tse dingwe, e seng dikole fela. Re ka bua ka kgomo ra re, e kgolwane kana e potlana mo go e nngwe.  E re fa di feta bongwe, di le pedi, tharo, kana palo efe fela, re tswelele re re, dikgomo tse dikgolwane, kgotsa tse dipotlana, mo go tse dingwe.

Go sale foo, e ka re fa Monwedi a batla emetshane ya gagwe a re, a tshelelwe mo go e kgolwane, e seng e potlana.

Mme fa a bua ka diemetshane di le dintsi, a bo a ka di farologanya ka gore, go na le tse dikgolwane, le tse dipotlana. Go bua jaana, go tlaa bo go tlhamaletse, go siame, Monwedi a bua Setswana sentle.

Mme fa re bua ka dilo dingwe di sele, tse e reng ba ruta Setswana ba re ke tsa tlhogo (prefix) ‘Se,’ fa di le dintsi, re tlaa re, di dikgolwane jaaka re ka re, dikole tse dikgolwane tsa Madiba le Matsha.

E re e le tse dinnye jaaka re setse re buile fa godimo fale, re re, dikole tse dipotlana tsa Mahupu le Bakgopeng. Mme fa e le selo se le sengwefela jaaka selepe, ga re re, se se potlana, ra re, se se botlana.

Jaanong ka re bua ka dikole, ga e re sekole se le sennye, re re, se se potlana jaaka re ka re,  kgomo e potlana.

Fa di le dintsi, ke dikole tse dipotlana mme fa se le sengwe, se se botlana mo go se sengwe kgotsa mo go tse dingwe; ga re re, se se potlana. Gore re re, sekole se se potlana, foo  re fapoga Setswana, ga re bue sentle.