Naledi

Ba Sebele ba tlaa ja sengwe

Disupiwa tsa dihutshane tsa maduo a lenaneo la nyeletso lehuma SENEPE ZOLANI KRAAI.jpg
 
Disupiwa tsa dihutshane tsa maduo a lenaneo la nyeletso lehuma SENEPE ZOLANI KRAAI.jpg

Kwerepe o buile jaana kwa palamenteng bosheng, a bolela fa go sa sologelweng molemo ga banni ke lenaneo le, go sa reye gore ba rontshitswe tshwanelo e Batswana ba bangwe ba e bonyeng. O boletse fa e rile ngogola, kgwedi ya Phukwi e le masome mabedi le borobabobedi, go ne ga kwadisiwa batho ba le babedi fela mo go ba le lesome.  A re, ba babedi bao, ba kgonne go sekwasekwa e bile ba ne ba kopiwa go lere mekwalo ya maikano go tlhofofatsa dikopo tsa bone.

“Ke ka re baikopedi ba babedi ba ba sekasekilweng ba emetse go thusiwa ka madi a tse ba eletsang go di dira, go inamola mo lehumeng la nta e tshetlha. Ba tlaa thusiwa ka ngwaga wa madi wa 2017/18,” a tlhalosa jalo Kwerepe, yo gape e leng mopalamente wa Ngami.

Rre Kwerepe a re, ka ba ba robang bobedi bale, a re lephata la gagwe le ne la leka go latedisa tshekatsheko (assessment) ya bone mme mo makgethong a mane, baikopedi ba se ka ba iponatsa.

Rre Haskins Nkaigwa, yo e leng Mopalamente wa Gaborone bokone, o ne a boditse Tona Eric Molale,  yo a neng a arabelwa ke Mothusa tona Thato Kwerepe, gore a o itse ka seemo sa kgaolo ya Sebele, se mo go sone, banni ba kgaolo eo, ba sa thusiwang ka lenaneo la nyeletso lehuma. O ne a batlile go itse dipalo tsa ba ba sa thusiwang, ba ba sekasekilweng,le ba ba sa ntseng ba tlaa thusiwa. Nkaigwa o ne gape a batla go itse gore, go tlaa dirwa eng gore ba thusiwe.

E rile a latlhela la gagwe, Mopalamente wa Mogoditshane, Sedirwa Kgoroba, a botsa tona gore a badirela puso le bana ba bone ga ba tlhoke lenaneo la nyeletso lehuma.  

Go arabeng gagwe, Kwerepe a tlhalosa fa lenaneo le la nyeletso lehuma le lebanye Batswana botlhe ka kakaretso, e bile le sa tlhaole ope le gore o mmereki mo lephateng lefe.