Naledi

Dikgosana di tlaa tiya moko

Mo pegong ya kwa palamenteng go ne ga hakgamatsa ba le bantsi go utlwa Rre Tsogwane a re, dipalo tsa dikgosi tsa tetlano, tse di sa duelweng, di makgolo matlhano le masome a mane (540) lefatshe leno lotlhe.

Ruri go ngomola pelo go utlwa fa e setse e le dingwaga tse dintsi, bangwe ba dikgosi ba sa atswiwe ka sepe, ntswa ba dira tiro e ka botlalo.

Selelo sa go tlhoka go duela dikgosi tsa tetlano se tswa Goo Lowe se lelwa, matona a tsena a bo a tlogela, kgang ya gore dikgosi tse di duelwe yone e sa arabiwe. Selo se se kgoba marapo.

Bangwe ba setse ba bile ba goga dinao le fa gone ba ne ba ikanetse go ithaopela tiro e, e tota e leng morwalo o o bokete go sikarwa.

Ntswa go na le bangwe ba ba atswiwang ka sengwenyana, ba bangwe ba ne ba sa bone sepe.

Seemo se ga se a siama ka se dira gore batho ba tlhoke go dirisanya mmogo le go naalana dikgakololo tsa ka fa dikgang tsa tetlano di ka rarabololwang ka teng.

Ka Rre Tsogwane ke yoo o solofeditse gore e tlaa re monongwaga le lephata la gagwe le simolole go duela dikgosi tsa tetlano, tse di ntseng di sa duelwe, jaanong go saletse bone gore ba gagamatse ditomo, ba leke go dira ka kelotlhoko, le go fefosa dikgang tsa metse e ba e okametseng.

Ga go felele foo.

Gape re solofela fa le one matshelo a dikgosi a tlaa tokafala ka Motswana o rile, pelesa e belesa ka mpa; gape a re, tsie e fofa ka moswang.

Re bona gape go ka nna molemo gore dituelo tsa dikgosi tsa tetlano, di sekasekelwe go tsena mo sekaleng sa gore le bone, fela jaaka batho ba bangwe, ba thusiwe ke makalana a a farologanyeng a puso ka madi, se e le go leka go tokafaletsa matshelo a bone pele.