Naledi

A ke dikgomo le ditau?

Ba ne ba kile ba tsena kwa ga Mma Ditshenyegelo mme ba fitlhela go se na sepe. Fela ba se ka ba itlhoboga, ba gakologelwa gore go na le Segaolane mme ba fetela teng.

Fa ba tsena, ba bo fitlhela bo phophoma. Ba bona gore, le fa gongwe bo sa tshwane le jwa ga Mma Ditshe, gone mme batho ba ka itisa foo. Jaaka re ne ra bona, ba tlhotse koo, ka fa tlase ga mokgalo, emetshane e sa sute fa tlase ga bone, le go kgala e sa kgale. Fa ba ntse ba le foo, dikgang le tsone tsa tla. Fa di ntse di tsweleltse, ke go tsoga kgang ya gore, a noga e baya mae kgotsa e a tsala.

Gongwe bangwe ba ka botsa gore, go baya mae mo, go rewa eng. Go araba potso e, a re tseye koko e le sekai. Re itse gore, koko e a tsala, e nne le dikokwana. Mme gore e nne le dikokwana ke gore pele e beye mae, e elame, morago e thube mae a, mme go tswe dikokwana mo go one. Koko e simolole go tsamaisa; ke gore e tsamaye le dikokwana tse, e di ruta go ja, le go ipatlela dijo.

Jaanong potso ele, e e neng e re, a noga e baya mae kana e a tsala, e ne e raya gore, a jaaka kpoko, noga e simolola e baya mae pele mme kwa morago e thube go tswe dinogana mo maeng, kana e tsala dinogana tseo di ntse di tshela, di sa tswe mo maeng jaaka dikokwana.

Re ne ra bona basimane botlhe ba dumalana gore noga e bay a mae, mme Monwediene a gana a re noga e a tsala. Basimane ba Bangwe ba kile ba re ba bua jaaka ba itse, a fela antes a gana Monwedi a re noga e a tsala. Jaaka re ne ra bua nako ele, kgang ya nna thata, ya tlhoka yo o e atlholang.

Re kgaoganye potso ele e sa arabiwa mme ra tlogela potso le wena mmadi gore, a noga e baya maae kgotsa e a tsala jaaka Setswana se re, noga e tsala nogana. Re sale re boditse potso eo, nako kgolo ke eno, ga re ise re utlwe epe karabo. Le gale, a re se fele pelo; a re solofele gore e tlaa re nako nngwe, mongwe a re arabe. Fa re sa ntse re letile karabo eo, a re fetele pele.

Fa basimne ba ntse ba le ka kwa mahuri, se ntse se tlaka molomo jaaka ba tlwaetse go bua, Seleetswane, mosetsana wa ga Segaolane, ke ene a le kwa isong a tlolaka le dipitsa. Re tlaa gakologelwa gore, re kopanye le basimane ba boa kwa Lenatong ka nako ya malatsi a botsalo jwa Morena. Re itse gore, ka malatsi a, batho ba dumela gore ba tshwanetse go itumela, tsela nngwe ya go itumela e le go ja le go nwa. Bangwe ba batla go ja tse ba ntseng ba di eleditse ngwaga otlhe, ba bangwe ba batla tse ba di jang ka gale, mme ba dumela gore, di tshwanetse go nna dintsi gore ba tle ba je le ditsala.  A wela gone fa Sega. Letsatsi leo fa a apaya, a tsenya lentswana gore a tle a je le baeng le bareki ba gagwe. A ga ba a re, o o ja o roga o mongwe? O ne a sa batle go nna jalo Sega; a sa batle go bidiwa yo o bohula, yo le ka malatsi a boitumelo, a ka se keng a fe ope.

A di tlhagafalela go apaya Selee. Go le kgantele dijo tsa butswa, ga tsholwa, ga fiwa batho. Fa dijo di ntse di tla, banna bangwe ke bao ba gana tse ba neng ba di neelwa, e le phaletshe, nama ya koko le merogo. Ba gana ba re bone ba ja mabele le kgomo. A bo a utlwile Monwedi mme a itshwara. Ga jewa, ga fediwa.  Ba leboga Sega le ngwana yo o neng a apeile, ba re dijo tsele di ne di le monate thata.

Fa go sa ntse go itisitswe, banna bale ba ema ba tsamaya. A hupologa Monwedi. Fa ba tswa ka kgoro, a botsa gore, a batho bale ke dikgomo le ditau? Batho ba hakgamala, ba mmotsa gore, o raya jang. A araba ka gore, o bonye banna bale, ba gana dijo, ba re bone ba ja mabele le kgomo. A re ene ga a itse fa batho  ba a ja mabele le kgomo; o itse mabele a jewa ke dikgomo mo masimong, dikgomo tsone di jewa ke ditau kwa nageng. Ke sone se a botsang gore, a batho bale ke dikgomo le ditau.

 A bo a bolaile batho ka ditshego mme ba mo  araba ka gore, banna bale ba ne ba batla go fiwa bogobe le nama ya kgomo. A fela a ntse a gana Monwedi a re, ba ka bo ba tlhamaletse ba re, ba kopa bogobe le nama ya kgomo, e seng gore ba re, ba ja mabele le kgomo; a bone ke dikgomo le ditau?