Naledi

Dilalome tsa Facebook di tlhasela Mahalapye

Kgakololo e e dirilwe ke Mookamela mapodise a Mahalapye, Suprintendent Isaac Mamadi, mo potsolotsong le Naledi bosheng.  A re go ikgatholosa dikgakololo tsa bone ka Batswana bangwe, go setse go ba baketse matlhotlhapelo, ka e rile bosheng basadi bangwe ba le bararo ba tsieditswe ke manweenwee a ba sa a itseng kwa Mahalapye.  Mamadi a re basadi bao, ba ne ba solofetswa go firisetswa matlo a boroko ntswa go sena nnete mo thulaganyong eo, e bile ba sa itse motho wa go nna jalo.

Mogolwane yo, o boletse fa bomme ba bararo ba, ba dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mane, ba begetse mapodise fa ba tsieditswe ka go tseelwa madi aa kanang ka dikete tse tharo (P3,000), ke rre mongwe yo ba sa mo itseng ka maikaelelo a go ba hirisetsa matlo, mme ba bolela fa ba kopane nae mo facebook.

“Bomme ba, ba supile fa kgang e simologile morago ga gore ba ipapatse mo maranyaneng a facebook ba batla ntlo ee hirisiwang mo Mahalapye. Mme rre mongwe a supa fa a ka ba thusa mme a ba kopa go buela le bone mo sephiring (inbox), kwa a ileng a ba tlhalosetsa fa ba tshwanetse ba mo romelela P1, 500 ele madi a peeletso,” Mamadi tlhalosetsa Naledi jalo. A re morago bane ba lopiwa madi a mangwe gape go dira dipaakanyo mo matlong.  “Ba re ke gone jaaka a ne nyelela monna wa facebook, a bo a tima megala ya gagwe,” Mamadi a rialo, a re le gompieno ba santse ba tlhotlhomisa tiragalo e, mme se se thata ke gore bomme ba ga ba itse selalome se, le kwa ba ka mmatlelang teng,” go tlatsa Mamadi.

Ramapodisi a re ba santse ba tsweletse le ditlhotlhomiso mme ebile ga ba ise ba tshware o pe mabapi le tiragalo e.