Naledi

Babereki ba lekalana la dipatlisiso ba duetswe � Ralotsia

Ralotsia, yo gape eleng Mopalamente wa Kanye-Bokone, a re kgatelopele e ne ya diriwa go romela madi mo letloleng la lekalana la dipatlisiso tsa temothuo la lephata la gagwe kwa Sebele go duela babereki.  Tona Ralotsia, buile jaana kwa palamenteng ka Mosupologo a re, tiego ya go duela bangwe ba babereki kwa lekalaneng leo kwa Sebele, e bakilwe ke letlhoko la madi mo letloleng ka dikgwedi tsa Phatwe, Lwetse le Phalane ngogola.

O ne a araba potso e tswa mo Mopalamenteng wa Gaborone-Bokone, Haskins Nkaigwa.

Nkaigwa o ne boditse tona gore, a mme o tsibogela matshwenyego a bangwe babereki kwa Sebele ba ba setseng bana le sebaka sa dikgwedi dile thataro ba sa duelwe madi a go bereka morago ga dinako tse pereko, tsa mohiri le mohiriwa.

“Mo bogompienong ga gona sekoloto sepe sa go tlhoka go duela babereki mo sebakeng sa dikgwedi tse thataro mme re dirile thulaganyo ya go ba duela dikgwedi tse tharo tsa Phatwe, Lwetse le Phalane ngogola. Dituelo tsa bofelo re di dirile ka Firikgong monongwaga,” Ralotsia tlhalosetsa Palamente jalo.

Nkaigwa, o ne a tswelela a botsa Ralotsia gore ke eng seemo se se amile babereki ba maemo a ma potlana go nale babereki ba maemo a magolwane.

E ne yare a araba, Ralotsia a bolela fa bontsi jwa nako babereki ba maemo a magolo ba bereka nako e e okeditsweng, fa ba maemo a ma nnye gantsi ba sa kgatlhegele go berekela dinako tseo,” a tlhalosa jalo Ralotsia.