Naledi

Mchacho e tlaa goroga � Olebile

Tshameko ya sone monongwaga e botoka thata, mo mokatisi wa sone, Nelson Olebile, a reng o bona maiteko a gagwe a go se thusa go tshameka botoka, a na le tema.

Olebile a re go tokafala ga setlhopha sa gagwe go itshupile thata bosheng fa sene se tshameka le sa kwa Charleshill sa Skoon Boys bosheng, motshameko o baneng ba o fenya.

Mokatise a re le fa tiro e santse ele ntsi, maikaelelo a gagwe ke go baya setlhopha kwa seemong se se itumedisang sa liki fa e ya bokhutlong.

Olebile o kgothaditse balatedi le barotloetsi ba Mchacho go nna motlotlo ka batshameki ba sone ka dinako tsotlhe, le fa go ka nna le dikgwetlho dipe tse di ka amang setlhopha ka kakaretso.

Jaaka mokatisi, Olebile a re ditlhopha tsa liki ya Debswana ka bontsi di ithutile dilo tse dintsi ka di tshamekile kwa liking e e kwa godimo. A re seo, se dira gore liki ya Debswana e nne thata e bo e kgatlhe ba bantsi. 

A re, fela jaaka Mogoditshane Fighters, Uniao Flamingo Santos, le tse dingwe, Peril e tshwanetse go elwa tlhoko ka le yone e ikaelela go gwetlha bosimega jwa liki.

Ka mafelo a beke e a re tswang mo go o ne, Peril e tshamikile maleka a nno setlhopha le sa Lesirane mme sa tlhoma Mchacho mo maemong a boraro.

E sala morago Santos mo maemong a bobedi le Sharps mo maemong a ntlha. Peril e na le dintlha dile masome a mabedio le bone e salwa morago ke fighters e le yone e nang le dintlha tse di lekanang le tsa Peril.