Blogs

O bonye efe phoso?

Fela re ka tsaya gore, ka tsela nngwe, o ne a tshwaregile, mme ka Setswana sa re, ‘Maoto a nong ke phofa,’ a roma Kgosi  Olebile go mo tswa dinao. Tiro yone ya tsamaya jang? Pego e re e bonyeng ga e bolele sepe se se kalo.

Go bonala fela gore tiro e ne ya tsamaya sentle, ga se ka ga nna sepe selabe kana sefatlhi mo go yone. Mafoko otlhe a a neng a buiwa, ya nna a a monate, a go tiisa yo a neng a tlhongwa moko.

Ga twe e rile a ntsha la gagwe, Kgosi Olebile a re, bogosi bo batla batho ba ba nonofileng e bile ba ka emelana le seemo sa malatsi ano. Re dumela gore kgosi o ne a bua jaana ka dilo malatsi ano di fetogile. Tiro ya bogosi ga se fela go tlhola mo kgotleng o letile dikgang tsa morafe, kgotsa o sekisa, o bo o atlholela mosimane mabele a kgomo. Nnyaa, tiro ya bogosi malatsi ano e ntsi, e isa motho kwa le kwa. Gore motho a e kgone, o tshwanetse a bo a nonofile, a bulegile tlhaloganyo, e seng jalo, e ka mo imela mme gongwe le morafe wa mo tlhoboga.

A se ka a felela foo kgosi Olebile. Ga twe, a tswelela a re, go a itumedisa go bona motse wa Mathathane o na le kgosi ya monana e bile a kgona go bala le go kwala. Kgosi a bo a boleletse ruri ka gore, ditiro tsotlhe tsa gompieno di tlhokana le go bala le go kwala. O ka tsena fa kae ga se ka ga twe o bale kana o kwale? Fa o le kgosi, o sa itse go bala, o sa itse go kwala, tota go nne thata.

Tiro e go imele ka jaana e tlaa re nako le nako, o bo o batla mongwe yo o itseng gore a go balele, a go kwalele. Motlha mongwe, e re fela ka ga o itse go bala, ga o itse go kwala, ‘phala di fapoge baletsi, tiro e newe o sele, yo ene a kgonang dilo tseo. Go ya ka pego, a nna a tswelela kgosi a re, bogosi bo tshwanetse go tlotlwa, jwa ilelwa. A re, Kgosi Serumola ke monana mme ka maemo a a neng a a newa tsatsi leo, ke mogolo. A bo a ntse a le mo tseleng, a gakolola e le mogolo, a sa fapoge gope. Go ntse jalo, metantshwane, e kaelwa tsela ke tse ditona. Fa tse ditona di se yo, tema e ka se ka ya tsamaya sentle. Mme re bona lefoko le legolo go otlhe, e ne ya nna la gore, Kgosi Serumola a tlotle tiro ya bogosi, a e tshware ka matsetseleko fela jaaka  rraagwe a ne a dira. Re nne re dumele re re, a kgosi a gate fela jaaka Kgosi Richard Serumola, e leng rraagwe, a bolelwa a ne a gata. Re re, a e se nne se Motswana a tlaa reng, ‘E na mashi ga e itsale.’

Go bolelwa gape gore, kwa  tirong eo, go ne go se dikgosi fela. Ga twe, le mopalamente wa kgaolo o ne a le teng mme le ene a tla ka la gagwe a re, o tlaa dirisanya le Kgosi Serumola fela jaaka a ntse a dirisanya le dikgosi tsotlhe tsa metse ya Bobirwa.

Ya nna ya nna mafoko a go iteelwa legofi le mogolokwane ka jaana kgosi le mopalamente, ba tshwanetse go goga mmogo ka ba eteletse morafe pele. Fa tse di kwa pele, di sa goge sentle, tse di kwa morago tsone di bo di ka bona tsela jang? Go pale, mosepele o lale nageng. Ditlhabolo tsa motse le kgaolo di eme golo go le gongwefela, di se ke di tswele gope. E tloge e nne selelo le khuranyo ya meno, morafe o lela ka sele le sele.

Re boa re utlwa gore, mongwe gape koo e ne e le mong wa modiro, e bong, Kgosi Olgas Serumola.  Go ya ka pego, Kgosi a amogela thomo e a neng a e rongwa ka mafoko a a monate, moono wa one e le gore, o eletsa go bona motse wa gagwe o tlhabologile. Ga twe a re, o batla go goga le morafe, go bona temo thuo e gola, le ngwao ya Sebirwa e tsoga.  E mang yo o ka ganang mafoko a? Ga go ope. Keletso ke gore, a morafe le one o eme ka dinao, o tiise kgosi moko, ka ba re, poo e thata ka melala.

Ga re a katoga mahulo, thota re ntse re mo go ya gale, e bong, Dikgang (Daily News/Phukwi 21 2018.) mme re fitlhela pego e, ya peo ya kgosi kwa Mathathane mo go yone. Fa e bua ka fa Kgosi Olebile a neng a nna a laya Kgosi Serumola ka teng,  Dikgang/Daily News ya re;

‘O mo kgotlhaditse gore a ile pipa molomo,…..’

Gompieno re botsa gore, mo mafokong a re a nopotseng a, o bonye efe phoso, le gore, fa o e bonye, o ka e baakanya jang? Ga re itse gore wena o bonye efe, kana dife diphoso mme rona re bonye lefoko ‘kgotlhaditse.’ Phoso ke eng ka lone?  Phoso ke gore, lefoko le, le kwadilwe ka ‘l,’ mme le sa tshwanela go kwalwa jalo.  Fela jaaka kgathala,’lefoko le, ga le na ‘l.’ Go kwala le go bua sentle, ke gore re re, kgothaditse, e seng kgotlhaditse.