Naledi

Williams o gwetlha banana

Williams o buile se mo phuthegong ya Kgotla kwa Radisele bosheng, a supa fa banana ba abetswe ka dikitso le bokgoni ka go farologana mme ba sa di diragatse. A re puso le yone e diragatsa maikaelelo a yone a go tlhabolola lefatshe leno mme malatsi a no ditogamano tsa yone di itebagantse thata le banana mme se sa reye gore ba nne kwa ga mothakga. 

“Sebe sa phiri ke gore ga le tseye mananeo a puso ka tlhwaafalo mme kana ke o ne a ka le thusang go itshetsa le go tlhamela ba lekane ba lona ditiro ka o ne,” Williams a gakolola jalo. Williams a re go swabisa nko go feta molomo go bona banana ba tsweletse ka go lwela diphatlha tsa lenaneo la Ipelegeng ntswa gona le a mangwe a ba ka simololang dikgwebo ka o ne.

Williams a re lefa gona le ba ba inaakantseng le mananeo a puso, bangwe bone ba retelelwa ke go itsamaisetsa dikgwebo ka le one madi ba sa a boloke sentle. A re bangwe ba dira madi mme ba palelwa ke go ipeela metlaagana.

E rile a itebaganya le di komiti tsa tlhabololo magae (VDC), Williams a ba kgothatsa go itshimolela dikgwebo gore ba nne le letseno le le ka ba thusang go itebaganya le dikgwetlho tsa bone.

“Le ka kgona go kokoanya madi ka di tsela tse di farologanyeng mme la ithekela koloi e ka yone e ka thusang mo ditirong tsa motse, e seng le ikaega ka mokhanselara mo sengweng le sengwe,” Williams a gakolola jalo.

O bile a supa ka monwana babereki bangwe ba Ipelegeng a re ba ikgaphe mo mokgweng wa go feleletsa matsana a bone mo go nweng nnotagi phetelela ka o ne.

Williams o tsweletse a kopa morafe wa Radisele le e mengwe go tsaya makhanselara a bone jaaka batho ba nama le madi, a re ba tshwenngwa ke ka fa ba berekisiwa phetelela ka teng, tota le mo ditirong tse di sa ba lebanang.

A re batho ba setse ba ipoleletse gore dithoto tsa mokhanselara bogolo jang koloi, ke tsa morafe ka jaana bangwe feletsa ba ba dilola fa ba sa kgone go ba thusa.

“Keletso ke gore le bereke le mokhanselara sentle, mme e bile fa lo ka itse, ga ba amogela madi a a kalo. P8,000 ga se madi a a ka tlamela mokhanselara le lelwapa la gagwe ga mmogo le motse ka kakaretso,” Williams a tlhalosa jalo.

Morafe o ne wa lebogela dikgakololo tsa Monnasetilo Williams ba bo ba mo solofetsa gore ba tla ikitaya ka thupana mabapi le go tokafatsa matshelo a bone, le go ema nokeng baeleteledipele ba bone.

Mongwe wa banana, Keitumetse Tsimane o lebogetse kgakololo ya ga rre Williams, a re banana ga ba kgone dilo tse dintsi ka lebaka la botlhoka tsebe le go sa itlotla. Tsimane a re o dumalana le Williams gore banana ba tshwanetse ba fokotswa mo Ipelegeng mme rotloediwe go inaakanya le temo-thuo.

Banni ba Radisele ba ne ba bolela Williams go re ga ba sologelwe mosola ke lenaneo la nyeletso lehuma ka ba bone dithuso dipe tsa madi mo dingwe tsa dikgwebo tse ba di akantseng.  Mokhanselara wa Radisele, Kgosiemang Monare o ne a lebogela Williams go bo a tlhaloseditse baagi ka ditiro tsa mokhanselara mabapi le ditlhabololo le matshelo a batho mo gae.