Naledi

Dingongora ga di tlhoke tshenyo

Gone le fa gongwe e ne e le tshwanelo ya bana go supa dingongora le selelo sa bone, bogolo jang ka ba re ditsebe tse di tshwanetseng go ba reetsa di kabane ka ditshoka, go ne go sa siama gore baithuti ba ba senye dithoto dipe fela, bogolo jang tota fa re lebile tsa bagwebi ba bone ba sa amegeng mo kgannyeng ya dikatso tsa bone gotlhelele.

Go setse go supafetse go ralala lefatshe lotlhe gore motho fa a ngongorega o tshwanetse go buiwa le yo a ngongorgang ka ene, mme fa a sa mo reetse o ka di tswelela ka go kopa mo pusong go dira ditshupegetso, tse gale e leng megwanto, mme ra re a megwanto e, e seka ya nna e e bayang matshelo le dithoto mo diphateng jaaka re bone ka baithuti ba Mmadikole bosheng.

Re batla go gakolola baithuti ba gore ga gona ope yo o ka emang kgatlhanong le go ngongorega ga bone, fa e le gore o teng ga a a tshwanela go dira jalo ka e le Motswana a itse puo e e reng ‘ngwana o sa leleng o swela tharing,’ yo ka go rialo a tla a bong a itse gore ditshwanelo tsa gagwe e ka nna tsa maemo kgotsa eng fela, di felela fatsa yo mongwe di simololang teng.

Go botlhokwa thata gore baithuti e re ba sa itumele ba tlhomamise gore ba gata sentle go batla se ba dumelang fa se ba lebagane ka fa molaong, eseng go senyakaka le go tshuba dithotho tse jaanong le tsone di tsileng go tlhoka madi a mantsi go baakanngwa le gone go buselediwa le ntswa go lelwa ka tlhaelo ya madi mo lefatsheng le.

Baithuti ba ke bone go solofetsweng fa e tla a re kamoso ba bo ba goga lefatshe le kwa pele, ka e le bone barutegi ba puso e dirisang madi mantsi mo go bone, ka go rialo tshaba ya Botswana e solofela gore ba bo ba tshwanetse go supa maikarabelo ba santse ba le mo sekoleng, eseng gore jaanong ba bo ba setse ba tlhobogiwa fela ba ise ba tsene mo ditirong tsa maikarabelo.