Naledi

A ke re late mmila?

Setlhopa sa Polka
 
Setlhopa sa Polka

Jaaka lo setse lo bonye, ke hudugile kwa Mmegi jaanong ke kwa Naledi. Kwa ntle ga go huduga mo, ga go na sepe se se fetogileng, re ntse re mmogo, ke ntse ke Mmualebe fela wa gale. Go lona ba Naledi, ka re, ke gorogile; le lona a re goge mmogo. A re tswelele re newa ke pula betsho.

Ga go na ope wa letsopa la maloba yo o ka ganelang gore, botshelo jwa Setswana jwa gompieno, bo farologanye thata le jwa nako ele. Botlhe ba tlaa dumalana gore, dilo tse dintsi, jaaka mafoko mangwe a Setswana, di fetogile, di bile di nyeletse, di ile le phefo ya borwa.  Sekai ke mafoko ‘go sotla, go tshwenya, le go kgerisa.’ Mafoko a, a nyeletse, boemong jwa one, go tsile lefoko ‘go kgokgontsha.’

Godimo ga moo, le sone Setswana se se buiwang gompieno, ga se felele e le Setswana. Se felela se tsere kwa le kwa, se tlhakantswe le diteme tse dingwe. Motho a tshwana le Mmualebe, a ipotse gore, gone foo, se kae Setswana. A se ke a se bone gope. Yo o buang ene, a ipolele fa e le Motswana tota e bile a ipelafatsa ka Setswana. Jaanong, kwa ntle ga teme/puo ya Setswana, go fetogile eng gape se se lerileng pharologanyo e gompieno  re buang ka yone?

Malatsi ano , go na le kgang ya gore batho ba batle ditsela dingwe tsa go itshidila mmele; mme e seng seo fela. Ga twe gape ba tlhagafalele gone go itshidila. Ke eng go buiwa jaana. Ba ba buang ba re, gompieno go malwetse a le mantsi a a dirwang ke go tlhoka go itshidila.

Ba re, bogologolo makoa a, a ne a se yo, ka Batswana ba ne ba dira ditiro tse di neng di ba thusa go sidila mmele. Ga twe ka nako eo, Batswana ba ne ba sa tlhokane le go tswa ba ya kwa lefelong lengwe le le faphegileng go ya go itshidila. Ba ne ba itshidila fela ba le mo ditirong tsa bone tsa legae. Potso ke gore ditiro tse ke dife? Mmila re o lata gone fa.

Ka nako ele, e ne e a re pele ga go ka jewa, motho a eme, a baakanyetse go ja moo. Go ne gore a eme a setle, a ye go ga metsi, a ye kgonnye, a dire sele le sele. Ka motho o ne a nna a eme ka dinao, a tshwere ka diatla, a tsamaya go ya kwa le kwa, ditiro tse tsotlhe di ne di mo thusa go sidila mmele.

Kwa masimo le kwa morakeng le gone go ne go ntse go le teng. Jaaka re itse, kwa masimo go ne go lengwa. Pele ga temo, go ne go iwa masimo go ya go tsosa megope le go ntsha masimo makabu. Megope e ne e tsosiwa ka e ne e a re nako nngwe, e rutlololwe ke diphefo kana e swapolwe ke dikgomo, fa masimo one a ne a sala a tlhoga ditlhare go sena go hudugelwa gae. Dilo tse tsotlhe di ne di batla go baakanngwa pele ga letsema le simologa. Ke gone Motswana a re, mosele wa pula o epiwa go sale gale.

Morago ga go lema, masimo le digotlo (dijarata) di agelelwe go thibela dikgomo le dilo tse dingwe go senya. Bo ne bo ntse jalo botshelo jwa Motswana wa maloba; bo mo tlama gore a eme ka dinao, a tshware ka diatla, a tsamaye, a dire sele le sele, se se tlaa bong se batla go dirwa. Ga twe ka tsela e, a kgona go falola malwetse le makoa a a lwalwang gompieno.

A mme ba teng ba ba sa ntseng ba tshela botshelo jwa maloba? Karabo e ka na gore ba teng mme ga ba bantsi. Puo ya re, gompieno ba bantsi ba dira ditiro tse mo go tsone, ba tlholang ba ntse fatshe fela. Ga twe ba tswa mo lwapeng ka dikoloi, ba tsene kwa tirong, ba tlhole fela mo ditilong, dingwe e le tsa moretologo. Motho a tlhole a retologa, a tsaya sele fale le fale, kgotsa a bitse mongwe go se mo leretse; go ema gone, a sa emele gope.

Ba tswe kwa ditirong ba boele gae, go nne go tswelele fela jalo. Go ja le gone go le foo, go jewe thata, go sa tlhaolwe sepe go babalela mmele. Go felele jang? Go tsene makoa le malwetse a batho bangwe ba a lwalang gompieno. Mangwe go twe ke makoa a a sa tshelanweng, a dirwa fela ke gore ga re itlhokomele. Ga re itshidile, ga re ele tlhoko gore re ja eng. Ka Motswana a re, tsela kgologolo re lata mmila, mongwe o ka botsa gore, a ke jaanong re late mmila wa maloba? A re utlwe ka koo. motshwanes @yahoo.com