Naledi

Re tlamela batshela le mogare � Makgalemele

Makgalemele
 
Makgalemele

Makgalemele o buile se bosheng kwa palamenteng a re le fa seemo se ntse jalo, balwetsi ba thusiwa ke baoki ba ba rutetsweng tiro ya go lekola balwetsi le go ba abela diritibatsi tsa di ARV.

O boletse fa thulaganyo e e tse ele teng mme gape e thusitse go fema mosuke. A re le ntswa seemo sa dipalo tse di kwa tlase sa dingaka se le teng, baoki ba thusa thata go namola seemo se.

O tsweletse a re fa seemo se ka tsaya phekelo e sele, molwetsi o ka ragosediwa kwa ngakeng, go tsibogela seemo se.

Le fa go ntse jalo, mopalamente wa Boteti Botlhaba Sethomo Lelatisitswe, yo a neng a boditse tona gore, a o itse ka seemo sa dingaka kwa kgaolong ya Letlhakane, le gore dingaka ga di thuse batshela le mogare mabapi le itekodisa le kabo ya dipilisi tsa diARV, o tsweletse a botsa tona gape gore, a o itse ka go fudusiwa gangwe le gape ga baoki go ya kwa mafelong a mangwe.

Lelatisitswe a re, a tona ga a lemoge fa jaanong go fudusiwa moo, go ka ama thulaganyo ya go tlamela batshela le mogare sentle.

E rile a araba, Makgalemele a bolela fa go na le thulaganyo ee tsweletseng ya gore mooki fa a fudusiwa go a bo go setse go nale yoo o tla mo emisetsang, mme ebile a na nale dikitso tsa kalafi le diritibatsi. Le gale, Makgalemele o ne a supa fa dinako dingwe,go a tle go nne le tiego ya go fudusiwa ga baoki mme lephata la gagwe le tlaa ithona dinta mabapi le seemo seo.

Mo puisanong e, Mopalamente wa Francistown Bophirima Ignatius Moswaane, o ne a supa matshwenyego ka tiego ya go fudusiwa ga baoki.

A re ka dinako tse dingwe go kgona go tsaya sebaka sa dikgwedi dile borobabobedi mooki a letilwe. A re seemo se se bakela balwetsi ba ba mo diritibatsing di tla morago. O boletse fa ko kgaolong ya gagwe baoki bangwe ba sale ba fudusetswe dingwaga tse tharo tse di fetileng mme le gompieno ga gona ba ba baemiseditseng.