Naledi

Mamoja e faposa Stimela mo Seporong

 

Highlanders kana Stimela jaaka e tlwaelesegile go bidiwa ke balatedi ba yone, e simolotse tikologo ya bobedi e loma serota TAFIC kana Matjimenyenga, ele mo maemong a bobedi mme ditlhopha tsoopedi di lekana ka dintlha.

Morago ga metshameko e mebedi, Stimela jaanong e setse TAFIC morago ka dintlha tse tharo. Mo motshamekong wa ntlha wa tikologo ya bobedi, basimane ba Mahalapye ba ne ba pega Maun Tigers mabele a podi go ele nngwe. Ka mafelo a beke a re tswang mo go o ne, setlhopha se sengwe sa kwa Francistown sa Ecco City Greens kana Mamoja diski, se ne sa ikgaratlhela le go rontsha Stimela dintlha tse tharo ka go tshameka maleka a lefela setlhopha.

E ne e rile gole pele, motshameko wa tlola ditlhase jaaka dithopha di ne itaana ka noga e utlwa. Mamoja e e feditseng tikologo ya ntha e sa dire sentle, ya lebega e tsogile mo maibing, mme etela dikota tsa Stimela kgapetsakgapetsa. Metsotso e le metlhano morago ga gore molaolamotshameko Mooketsi Mbekwa a simolodise motshameko, beng gae eleng Highlanders, ba bolotsa tlhaselo ka Nicholas Matlhare, le go botsa motshwaradino wa Stimela Molatlhegi Lapologang dipotso, go re o tla thiba jang. Labologang o ne dira ditshireletso dile mmalwa le fa a ne a batla go iphatlha ka diphuka mo karolong ntlha, fela a sireletso maiteko a Matlhare ka dintlha tsa menwana ya bo e lekane go faposa kgwele le batshameka pele ba Mamoja.

Stimela ya seka ya batla go tshosediwa, mme metsotso e le mene morago ga tlhaselo ya Mamoja, Keorapetse Seloiso a amogela kgwele fa pele ga lebokoso la Mamoja mo molemeng, mme a golola thago e e bolelo mme ya itaya kwata le go tlogela balatedi ba Mamoja ba itshwere di tlhaa le go emisa dikoma tse baneng ba di opela.

Ka motsotso wa bo masome mabedi le borobabobedi, motshameki mo letlhakoreng la lebogo la moja wa Stimela, Chabaesele Lentswe a ragela kgwele e e telele mo lebokosong la le morago la Mamoja, mme ba tshameka morago ba Mamoja ba seka ba lomagana sentle go sireletsa mme kgwele ya felela kwa koteng e e ko morago, kwa e fitlhetseng Seloiso yo a neng a le esi mme a tshikinya letlowa.

Ya re a santse a le mo boitumelong jwa nno e, motsereganyi Mbekwa a dumalana le batshameka morago ba Mamoja ba ba neng ba ipeleetsa fa kgwele e tlhagile letlowa, mme a supa fa e le thago ya motshwaradino.

Morago ga boitapoloso, Stimela ya tla e shenne meno e tlhasela gangwe le gape mme fela ba retelelwa ke go nosa. Mamoja ya dira phetogo ka go ntshetsa ntle Matlhare mme tsenya jalo Pontsho Sephutho, se ele go leka go tila dithaselo tsa Stimela. Se ya bo ele jaaka Mamoja e simolola go itharabologelwa.

Motshameki wa Mamoja Onkemetse Powe o o neng a ntse a na le motshameko o o bodutu, le ene a thanya pelo, a bolotsa tlhaselo mo letlhakoreng la moja.

Maiteko a gagwe a nna matshosetsi mo lemoragong la Stimela mo go neng ga pateletsa motshwaradino wa Highlanders go itshuputsa thata.

Motshameko o ne wa ya bokhutlong mme mokatisi wa Mamoja, Texan Phiri a supa fa a itumedisitswe thata ke go bona setlhopha sa gagwe se itharabologetswe morago ga go goga jokwe e e bokete mo setlheng sa ntlha sa liki. Fa ele mokatisi wa Stimela, Oris Radipotsane, a bo a sa tshwenngwa ke tatlhegelo ya di ntlha tse tharo mme a bolela fa a sa itumedisiwa ke ka fa motshereganyi Mbekwa le bathusi ba gagwe ba tsamaitseng motshameko ka teng.

“Batshameki ba me ba tshamekile ka fa ke ba laetseng ka teng mme ke makaditswe ke tshwetso ya motshwaradiphala. Re kabo re bua jaana re fentse motshameko o,” go bua jalo Radipotsane a galefile.