Naledi

Motshameko wa Kirikete oa gola

Batshamiki ba krikete ba le mo ikatisong
 
Batshamiki ba krikete ba le mo ikatisong

Sebako a re, o ikutlwa a le motlotlo, go bona maiteko a gagwe a go isa motshameko wa kirikete kwa metsaneng e le mentsi mo kgaolong ya Kweneng a dule maduo. A re dikole dile mokawana, mo kgaolong e,di inaakantse le motshameko o, e bile bana ba dikole tseo, ba setse ba kgalhegela kirikete. Sebako o boletse fa bana bangwe jaanong ba tlhanogetse metshameko mengwe mme ba kgatlhiwa thata ke kirikete.

Mogolwane yo a re, jaaka liki e tlaa bo e simologa, ba tlaa leka thata go rulaganya metshameko nako e sale teng, le go batla ba ba ka thusang, jaaka baetleetsi, go tsenya letsogo le go ema motshameko o nokeng, bogolo jang kwa dikoleng.

Mafoko a ga Mme Sebako a ne a iteelwa kobo moroko ke mogolwane wa lekgotla la kirikete la Botswana, Girish Ramakrishana, yo a reng lekgotla la gagwe le lone le leka ka natla go anamisa motshameko o le Botswana jotlhe. A re o solofela fa ba tlaa atlega ka ba setse ba fetile ka mafelo a lefatshe leno a le mantsi, selo se a reng, se tlaa thusa gore bana ba dikole tse dipotlana ba gole ba itse motshameko o.

O tladitse ka gore, metshameko ya kirikete e tsenwa mahala, ga e duelelwe. A supa fa mongwe le mongwe yo o eletsang go tla go lebelela, a letlelelwa go dira jalo. Tsholofelo ke gore, se se ka tiisa batshameki ba ba botlana moko, go ipona ba tshameka ba lebeletswe, e seng ba tshamekela phefo fela.