Blogs

Ke leo gape

Bangwe ba tle ba le je le le tala, ba le ja fela jaaka go nowa legapu. Bangwe e re ba se na go le ja jalo, ba phure logare, fa ba bangwe bone ba tle ba bese logare loo, ba lo je lo budule. Kwa ntle ga moo, logare loo, lo ka apewa lwa jewa lo apeilwe, e seng lo besitswe.

Go ntse go ntse jalo, lerotse gape le ka tlhabelwa, ga apewa bogobe ka lone mme bangwe ba bo rate thata. E re fa go le modiro mongwe, jaaka lenyalo, dijo di tla, ba botse gore, a ga go na bogobe jwa lerotse, mme fa bo le teng, ba itumele thata. Gape, e re le tlhabetswe jaana, go apewe dinawa ka lone; dinawa tse, bangwe ba re ke legodu. Malatsi ano, ba le bantsi ba itse lerotse ka go dira kgodu. Le apewe, le fetlhiwe, mme moo, go bidiwe kgodu. Le yone fa e dirilwe sentle, e bedile, bogobe jwa yone bangwe ba bo rate thata.

Go sale foo, lerotse le ka dirwa lengangale. Lengangale lone le dirwa jang? Go dira lengangale, lerotse le tlhabelwa fela jaaka gale, le segwe diphatsa fela jaaka go segwa legapu, mme diphatsa tse, di anegwe gore di ome. Diphatsa tse di felele di omile, di tshwana fela le nama ya segwapa.

Lengangale le lone le dirisiwe ka ditsela tse di farologanyeng. Le ka apewa la jewa fela jalo e le lengangale; la apewa, la fetlhwa, ga apewa bogobe ka lone. E nne dijo tse di monate. Le ne le dirisiwa thata jalo lerotse ka malatsi ale a maloba. Fa botshelo bo ntse bo tsweletse, dilo di ntse di tlhabologa, ga tla megopolo ya go dirisa dilo tsa Setswana ka ditsela dingwe tsa sesha. Go dira jeme ka lerotse, ya nna nngwe ya ditsela tseo. Jeme e le yone, e bolelwa e le monate thata. Mme fa re boela kwa polelong ele ya Salajwe, gone go tsamaya jang?   Re utlwa gore, Mme Mokgojwa o simolotse a lema merogo, a e rekisa, a bo a ya go e supa kwa ditshupong tsa temo thuo tsa kgaolo.

Go a bonala gone koo, batho ba bona bonatla jwa gagwe, ba bo ba bo kgatlhegela thata. Ga twe, se sa felela se dirile gore Mme Mokgojwa a isiwe kwa BUAN (Botswana University of Agriculture and Natural Resources) ke ba Boipelego go ya go ithuta, mme koo, a feta a bapala kitso ya go dira jeme ya lerotse le go tlhokomela dijo. Ke yoo, a ithuta, a tswa ka sengwe, mme re utlwa fa a sa ntse a batla go nna a fetela pele a ithuta.

Ka matlo go sha mabapi, o batla gape go abelana kitso ya gagwe le basadi ba bangwe ba motse wa Salajwe. Potso e ka nna gore, pele ga Mme Mokgojwa a fetela pele a ruta ba bangwe, tiro ya gagwe yone e tsweletse jang? Re utlwa gore tiro e tsweletse sentle ka ga twe, Mme Mokgojwa a re, ene le ba lelwapa la gagwe, ga ba wele mo isong; ke gore, ga ba bolawe ke tlala.

Godimo ga moo, ga twe a re, ka o bokoa, o kgona go ipega a ya bongakeng. Tse tsotlhe e nne dilo tse di molemo ka Setswana sa re, ‘ Mphampha e a lapisa.’ Ka fa re utlwang ka teng, ga e re a sa patikwa ke sepe, Mme Mokgojwa a lelele ope a re bana ba letse le tlala kana o reteletswe ke go ipega a ya bongakeng.

Tse tsotlhe ke tse  a di itirelang, e le maduo a bonatla jwa gagwe. Fa re se na go utlwa ka fa Mme Mokgojwa a dirang ka teng, potso e bo e ka nna gore, ba kae ba ba dirisang lerotse ka tsela e e botoka go na le go jela fela mo ganong? Ga re itse, mme re belaela gore, mo go ba bangwe, marotse ke a go apaya bogobe fela. E re fa nako nngwe a le mantsi, a felele mo tshimong kana ka fa tlase ga ditlhare, a beilwe fela foo, a sa dire sepe. Mme re re, a go se nne jalo. A ba bangwe le bone ba tseye malebela mo go Mme Mokgojwa, ka jaana, dilo makwati.

Re ntse re fa tlase ga Dikgang (Daily News/Phukwi 31, 2018) mme re kopana le polelo e ya go dira jeme mo go yone ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Jeme ya lerotse e ogola Mokgojwa mo lehumeng.’

Temana ya ntlha ya polelo e ya re;

‘Bonatla le lorato….. di ka godisa baba nang le keletso ya go iketsha mo lehumeng.’  Mo temaneng e, re bona lefoko ‘baba’ mme le dirisitswe gabedi mo polelong e ya jeme.

Gompieno re botsa gore, wena o bona lefoko le jang? A o bona le dirisitswe sentle kgotsa nnyaa? Ga re itse gore o tlaa araba jang mme rona ra re, le fa re kile ra bua ka lefoko le, e ntse ke leo gape, ga le a dirisiwa sentle. Lefoko le, ke ‘baba,’ bontsi  jwa ‘mmaba.’ Phoso e gone fa. Go kwala sentle, re tshwantse go kgaoganya lefoko le, ya nna ‘ba ba….’  Fa re boela kwa temaneng ele, re kwala ka botlalo, re re, ‘…..batho ba ba nang le keletso ya go iketsha….’ Fa re kwadile jaana, re tlaa bo re kwadile sentle, re bua ka batho, e seng ka baba ba rona..