Blogs

Mafoko ao, a a kgaogana

Re itse gore, matimela a a phuthwa, a tlhatlhelwe golo gongwe. E re a le koo, Khansele e a tlhokomele; e a dise, e a nose, e tlhokomele le badisa ba one.  Fa bangwe ba timeletswe ke dikgomo mme ba batla, ba bo ba ka batlela koo.  Fa di le teng, ba di fitlhele, mme fa di se yo, ba itlhoboge, ba fetele pele.

Godimo ga moo, Khansele le yone e nne e batlise barui. E anamise ka seromamowa gore, kwa lesakeng lengwe, mo kgaolong nngwe, go na le matimela. A re re, lesaka leo ke la Dipoana mo kgaolong ya Matlametlwana. Seromamowa se tlaa bolela lesaka leo, le kgaolo eo, ka leina. Se se ke se felele foo. Se tswelele se bolele mebala ya dikgomo tseo, le matshwao a tsone, go itsise barui ka botlalo gore dikgomo tseo ke dife.  Mme fa bangwe ba ka utlwa gore tsa bone di koo, ba di latele, ba fete ba di tlhaole, di ye go goroga kwa ga tsone. Go se na go nna go tlhaolwa jalo, dingwe di sale, di tlhoke beng, mme e nne e nne morwalo wa khansele. La bofelo, khansele le yone e tlhobogile, e bile e imetswe ke go disa dikgomo tse di se nang beng, e rekise ka palabalo gore e tle e latlhele sengwe mo letloleng la yone.

E ntse e le gore khansele e tshware matimela lobaka lwa dikgwedi tse thataro. Re utlwa gore, mopalamente o ne a bolela fa dikgwedi tse di kgaotswe, di sa tlhole di le thataro, jaanong di le tharo.  Go bolelwa fa dikgwedi tse di kgaotswe ka khansele e imelwa ke go tlhokomela matimela ka e dirisa madi a mantsi. Re dumalane le mogopolo o ka jaana khansele e ditiro dintsi mme e tshwanetse go dirisa mo e nang le gone ka kelotlhoko, e bile e go dirisa fa tota go tlhokafalang teng. Fa e sa dire jalo, e ka felela e tlhotlhoregile, dilo dingwe e sa di kgone. Kgang e ya gore khansele jaanong e tlaa tshwara matimela kgwedi tse tharo, ya se ka ya nna yone fela. Ga twe, mopalamente gape a rolela morafe gore, matimela a tshwanetse go begelwa molao mo malatsing a le lesome le bone. Mo go raya gore, fa dikgomo dingwe di ka timelela kwa ga Kutlwelo, di tshwanetse go begelwa molao mo go one malatsi ao. Fa malatsi ao a ka feta di ntse di le foo, di sa begelwa ope, ke molato; go raya gore Kutlwelo o tlodie molao, mme a bo a ka nna a tseelwa kgato. A mangwe mafoko ya nna gore, ba matimela ba letlelelwa go bolaya kgomo fa e tshwenya. E  tshwenya ka tsela efe? Pego ga e tlhalose mme re itse gore, dikgomo dingwe di mengala; di rata go tlhaga, tse dingwe di a tlhaba, di a thula. Mme gongwe go buiwa ka tsone tsa go nna jaana. Ga twe, gape ba ka bolaya kgomo fa e lwala.

Ka e tlaa bo e lwala, Motswana o tlaa a re, ba a e fofotsa gore nama ya yone e se ka ya tloga ya sulafala. Go tila go itirelela fela, ga twe, pele ga kgomo e ka bolawa, e tshwanetse go bonwa ke ba loruo. Fa, re tsaya gore go buiwa ka ba puso, ba matlhoko a loruo, go tlhomamisa gore tota kgomo eo, e a tshwenya kana e a lwala jaaka go bolelwa.

E seng jalo, gongwe go ka tloga ga ijelwa fela, kgang e le gore, ‘kgomo tsa kgosi di amuwa morokotso, fa moleta thaga ene a a ja nayo.

E rile basimane ba katoga mahulo, ra ba tlogela ba tsamaya, rona ra nna ra okomela Dikgang (Daily News/Phukwi 30 2018) mme ra fitlhela pego e ya molao wa matimela mo go yone. Fa e ntse e tswelela e bega ka tse dingwe tse mopalamente a neng a bua ka tsone, Dikgang/Daily News ya re; ‘…..o ne a itsise banni fa e tlaare ka Lwetse…..go bo go ikwadisetswa ditlhopho…..’  Re boa gape re re, tlhoma mafoko a a fa godimo a matlho, mme re utlwe gore, mo go one, o bonye eng.  A o bonye phoso nngwe, kgotsa, nnyaa?  Fa o e bonye, ke efe, gape o ka e baakanya jang? Re tlaa nna re re, ga re itse gore a o bonye nngwe phoso le gore, fa o e bonye, ke efe, o tlaa e baakanya jang. 

Rona re re, phoso e re e bonyeng ke lefoko ‘tlaare.’  Fa o sa bona epe phoso, o botse gore, molato ka lefoko le, ke eng? Re arabe re re, phoso fa ke gore lefoko le, le tshwaragantse mafoko a a sa tshwanelang go patagana; go tshwaragana.  Fa o sa lemoga phoso e, o bo o ka botsa gore, ka ke phoso ke eo re e bonye, jaanong e baakanngwe jang? Go baakanya ke gore, re kgaoganye mafoko a, ka tota ga a tshwaragane.

Re kwale jang? Re kwale re re, ‘….. tlaa re…..’ Fa, re bona mafoko a mabedi, a e leng gore otlhe a ikemela ka nosi, ga a tshwaragane. Mme fa re bua jaaka go twe mopalamente o ne a bua, re re, ‘…..o ne a itsise banni fa e tlaa re ka Lwetse ….. go bo go ikwadisetswa ditlhopho……’ Fa re kwadile jaana, re bo re kwadile sentle.  Go digela kgang ya rona, re ntse re gatelela gore, a e re re bala Setswana, re eletlhoko gore se kwalwa jang, le rona re tle re se kwale sentle.