Naledi

Go nwela ga Mendi � Kgaolo 3

SS Mendi
 
SS Mendi

Moso oo, go ne go le tsididi, metsi a mantsho a phatlola letlalo ka serame. Bangwe ba itatlha; ba bangwe ba ganelela mo sekepeng ba tshaba serame le metsi ka ba ne ba sa itse go thuma. Baeteledi ba Makgoa ba ba patelela go tswa mo sekepeng. Ga re kga! Bangwe ba bone ba iphotsha ba ithaya ba re ba tlaa ba latela. Ba sala.

Ba ba boela gape. Sekepe sa Mendi sa bo se ntse se tlala metsi a a neng a olegela ka leroba lele.

Bangwe ba ba itatlhileng ba sukagana mo mekorong go fitlhelela e menoga kana e nwela ka e ne e rwele bokete, e imelwa, go se ope yo o dumelang go ka tswa. Serame, le go tshaba metsi, tsa raraanya kgang. Mekoro e mengwe ya pala go tswala ka e ne e ngampetse (napetse). Go kopana le go dira ka pele, gare tsi!

Ka yone nako eo, ga dirala se bangwe ba reng ke dinaaane fela. Ga twe masole a bantsho a ne a a ja koma; ba bina, tshaka di dule, ba re ba tlaa swa ba duma jaaka tau.

Bagaka. Kodu ya bone ya utlwala kgakala. Ga go ope yo o tshedileng go netefatsa se.

Ba bangwe ba ba neng ba photsha ba sale ba bonwa ba ya tlase, ba nyeloga, ba bo ba ya tlase la bofelo. Ya nna gone gotlhe. Ba ba neng ba tlhokile manno mo mekorong, ba ngaparela maoto a ba ba leng mo teng.

Bangwe ba itatlhela godimo ga ba bangwe, botlhe ba batla go tshela.

Fa sekepe se nwela, lewatle la atlhama go metsa tsotlhe tse di gaufi; sekepe, batho le mekoro.

Fa le a go tswala legano, la bo le meditse Mendi le bangwe gape ba ka nna lekgolo le masome a mabedi. Boidiidi jo bongwe bo tletse mo lewatleng, ba thoduma mo mekorong. Ba itaanya meno ke serame sa metsi a mariga a Yorupa. Bangwe ba kua mekgosi, bangwe ba lela, bangwe ba opela difela, fa ba bangwe ba ne ba rapela. Loso ba lo lebile ka matlho.

Morago ga go thulana ga dikepe, motsamaisa sekepe sa SS Darro a tsaya lobaka pele ga a thusa. Go lebega a ne a sa lemoga segajaja se se neng se dirafetse. Le fa a bolelelwa ka mokgosi o o neng o utlwala mo metsing, a goga dinao.

Oura le sephatlo morago ga kotsi, bafalodi  ba ntlha ba tsewa ke sekepe sa SS Darro. Dikepe tse di neng di le gaufi le tsone tsa thusa. Bangwe ba fitlhelwa ba tletse ka mekoro, e mengwe ya menoga ba nwela. Sekepe sa HMS Brisk sa tsaya ba bangwe.

Masole a tla go bolawa ke letshoroma morago ga go falodiwa. Ka nako ya borobabobedi mo mosong, SS Darro sa ikgogela kwa Portsmouth kwa se fetileng sa folosa bafalodi teng. Bangwe ba tla ka HMS Brisk, go balelwa le Kapoteni Yardley.

Molaetsa wa seru se se wetseng Mendi wa goroga ka go rotha kwa Aferika Borwa. Bangwe ba utlwalela pele ga ba bolelelwa semmuso.

Fa o goroga semmuso, molaetsa wa anamisiwa le metse le metsana, dikgosi le dikgosana; wa anama le naga yotlhe. Merapelo ya tshwarwa go tswa Kapa go anama le metsana, go se motse o o sa amiwang ke kotsi eo.

 Mo gareng ga bapagami ba sekepe sa Mendi, ga go supege go ne go na le Batswana, le fa Batswana fa gongwe ba ne ba tsewa e le batho ba le bangwe le ba Aferika Borwa. Ditlhotlhomiso di netefaditse fa masole a a neng a le mo Mendi e ne e le MaZulu, MaXhosa, MaTshangana le MaPondo, Basotho, Bapedi le MaVenda.

 Go lebega Mendi a simolotse mosepele a se na lesego. Fa se tswa ka Kapa sa feta gautshwane le sekepe sa Majeremane, se ne se romilwe go baya ditlhobolo mo lewatleng go kganela dikepe tse di neng di thusa go tswa ntlheng ya Aferika Borwa. Ka se ne se ise se dire tiro ya sone, sa lesa Mendi le tse dingwe go feta. Gongwe ba ne ba tshaba se se tona, sa Cornwall, se se neng se disitse tse dingwe mo mosepeleng.

Go thulana ga dikepe mo ntweng le go swa ga masole ga se tirafalo e gantsi e tlhotlhomisiwang. Puso ya Aferika Borwa ya gatelela gore go dirwe ditlhotlhomiso ka go thulana ga Mendi le SS Darro go ne go fatlha.

Masole a a suleng ga a kgaolwa ke tshaka le lerumo kana ba nyelediwa ke sekepe sa baba.  Ba jelwe ke barwarraabo. Ba a swa loso lo lo botlhoko, lo lo bonya, ba betwa ba bo ba mediwa ke metsi.

Tiro ya go tlhotlhomisa se se jeleng Mendi ya simolola kgwedi ya Phukwi e ya fifing. E ne e se tsheko, e le go leka go batla boammaaruri ka se se dirafetseng. Potso e le gore, a dikepe tse di thulanye ka bosutlha jwa baeteledi ba tsone?  Mebuso yotlhe e ne e emetswe.

Bo mankge ba dikepe, lewatle le molao ba biditswe.

Go ne go na le bommantswitswidi ba molao ba le barataro, ba bangwe ba patilwe ke bathusi. BoKapoteni ba dikepe le bathusi ba bone ba a  fa bosupi. Le wa sekepe sa HMS Brisk le ene a bidiwa go tla go fa bosupi.

Sebe sa phiri ya nna gore masole a bantsho a se ka a bidiwa ka a ne a setse a fetetse kwa Fora.

Bosupi bo ne jwa kaya fa Kapoteni Stump a ne a tsamaya ka lobelo lo lo kwa godimo le mororo go ne go thibile mouwane.

Mokwalo ka lobelo lwa sekepe o supa fa o ne wa fetolwa go fokotsa lobelo lwa sekepe.

Kapoteni Yardley ga twe o dirile tiro ya gagwe ka fa tshwanelong. Se se neng sa gakgamatsa e ne e le gore, ke eng se se dirileng Kapoteni Stump, bosigo joo, gore a se ka a sala morago ditsamaiso tsa dikepe tsa bosigo le mo mouwaneng. Kgang ya nna gore, se, se ne se supa bogatlapa kana o ne a tagilwe. Le ka fa a itshwereng ka teng morago ga go thulana ga dikepe, ga gakgamatsa. Go tsere lobaka gore a laele gore go thusiwe ba ba neng ba kaeeletswe.

Le fa se e ne e se tsheko, ditlhotlhomiso tsa bona Kapoteni Stump phoso ya go kgweetsa ka bofafalele. A kganelwa go etelela dikepe pele lobaka lwa ngwaga.

Bontsi jwa baeteledi ba dikepe ba tsaya katlholo e, e le motlhofo, ba re a kganelwe go etelela dikepe botshelo jotlhe jwa gagwe.

Morago ga ngwaga, Kapoteni Stump a boela a etelela dikepe. Ga a a ka a tsena mo dikepeng tsa ntwa. A etelela dikepe go fitlha 1931 fa a tlogela tiro ka bogodi. O ne a le dingwaga tse di masome marataro le botlhano.

Yardley wa Mendi a boela mo ntweng.

A dira ka matsetseleko a ba a fiwa naledi ya bogaka morago ga ntwa ya lewatle mo letshitshing la Liberia ka 1918. O ne a tsamaisa sekepe sa Burutu. Morago ga ntwa, a tswelela a etelela dikepe tsa dithoto go tswa Aferika Borwa.

A nna mongwe wa batho ba ntlha go kgweetsa sekepe se se dirisang leokwane, e seng magala, mme a tlogela tiro ka 1928.

Ga go ope yo o itseng ka tlhomamo gore bontsi jwa bapagami ba mmamoratwa Mendi ba sule jang. Se se tlhomamisegang ke gore masole a le 265 a ne a falodiwa, go sa balelwe ba ba neng ba setse ba sule. Ba le 200 go belaelwa ba ile le Mendi.

Fa o ba ntsha mo go ba ba 912, ba ba neng ba le mo Mendi, go ka twe 400 ga ise e ke e bonwe. Re ka re ba jelwe ke “tlhapi tsa madiba,” ba swetse mo mekorong ke serame kgotsa ba betwa ke metsi.

(E ya bokhutlong beke e e latelang)