Naledi

UDC e kgaba ka botala

Se ke sone se se dirgalang mo lefatsheng la Botswana gompieno jaaka go amogelwa bokopano jwa diphathi tsa kganetso tsa BNF, BCP, BMD le BPP. Bokopano jo bo goroga ka mmala o botala o balela tlhoko bareng bo kgatlha basadi thata. Lefelo la ditirafalo e ne e le Tlokweng ka Labotlhano kwa baeteledipele ba diphathi tse ba neng ba itsese babegadikgang ka tse di dumalanweng.  Maikaelelo magolo a diphathi tse tsa sekhukhu ke go tlhomamisa fa phathi e e busang ya Domkraga (BDP)  e latlhegelwa ke ditlhopho tsa 2019 morago ga dingwaga di feta masome matlhano le bobedi e ntse e busa.

Diphathi tse BNF, BMD le BPP  di ntse di bereka mmogo mo go tshwaraganeleng ntwa kgatlhanong le Domi, mme di ntse di buisana le BCP e le yone e ntseng e ikemetse ka nosi go lwantsha Domi.

Morago ga tumalano ya go tsena mo sekhuhung ga BCP, go ne ga dumalanwa fa mebala e e ntseng e dirisiwa e tla tswelela e le ya diphathi mme moono wa tirisanyo mmogo ke wa botala.

“Tsholofelo ke gore gongwe le gongwe kwa go nnang le ditiro kana ipapatso ya bokopano jwa UDC, go tla aparwa botala (Royal Blue), e se gore mebala e eleng teng ya diphathi e kgaphelwa thoko,” go tlhalosa jalo Moeti Mohwasa, Mokwaledi moglo wa UDC, mo potsolong le Naledi maabane.