Naledi

Re dumalana le Matambo

Mo pegong ya kgaoganyo madi a setshaba go ya ka maphata a a farologanyeng ka Mosupologo, go ne ga rokotsa mathe go utlwa fa puso e ikaeletse go dirisana le boradikgwebo. Se re dumela fa e se sepe se ka nnang thata kgotsa dingalo, ka go na le lekgotla la boradikgwebo ebong Business Botswana. Business Botswana, e e kileng ya bo e bidiwa BOCCIM e tswa kgakala e le yone lentswe la tshaba ya bagwebi mo Botswana.

Mo godimo ga se, re a itse fa e ne e ntse e leka thata go gakolola puso ka botlhokwa jwa go ithola ditiro dingwe ga puso. Mabaka a bone e ne e le gore lefatshe la Botswana fela jaaka mafatshe a mangwe ga le ka ke la baya sengwe le sengwe fela go gogwa kwa pele ke puso. Ka jaanong puso e amogetse gore ga e kake ya tlhama ditiro e le nosi, re ka gakolola fela gore a puso e fetole mokgwa o e ntseng e dira dilo ka teng. Re a itse gore puso e ka kgona go bua fela gore e amogela go ithola ditiro, bogolo jang ka e bona e sa tlhole o kgona gotlhelele.

Se puso e tshwanetseng go se ela tlhoko ke gore, e dira dilo ka bonya, fa boradikgwebo bone ba bereka thata ka maduo. Eleng seo, re solofelang gore puso e fefogela go baakanya melao yotlhe ya dikgwebo go tloga fela ka diteseletso tsa go gweba mo lefatsheng la Botswana.

A go tlhomamisiwe fa go tlhofofadiwa le melawana ya tsa bogwebi, a go se nnelwe go goga dinao fa bagwebi ba batla go simolola dikgwebo tse di ka kgonang go hira Batswana. Re lebogela gore go setse go na le ditshutiso tse di tla bewang pele palamente beke eno ke Tona Edwin Batshu

Le fa puso e tla a bo e neetse boradikgwebo ya tlhama ditiro le go tswelela ba thusa go godisa itsholelo ya Botswana, puso e tla a bo e ntse e le motshwaraphala go bona fa tsotlhe di dirwa sentle. Lekgotla la Business Botswana le lone go botlhokwa thata gore le rwale maikarabelo a go tlhomamisa fa bagwebi ba sa jele Batswana le lefatshe la bone ntsoma. Re bua se ka re itse fa dingwe tsa dikgwebo tse di ka kgonang go tlhama ditiro tse dintsi, e le tse di tswang kwa mafatsheng a sele