Naledi

Go tshwara mala ka mabedi

Re ne ra re, ka Botswana o namile, dikgaolo di dintsi, mapalamente a a tle a tswe a lebe mafelo a a farologanyeng, go ya go tshwara diphuthego tse. Ra ntsha sekai ra re, e ka re fa mopalamente mongwe a leba bokone, yo mongwe a leba borwa, mme gongwe yo mongwe, kgotsa bangwe bone ba leba ntlha e nngwe ya lefatshe.

Re ne ra tlhalosa gore diphuthego tse, e a bo e le go ya go lekodisa morafe (setshaba) ka tse di dirilweng kwa palamenteng jaaka melao e mesha, diphetogo dingwe tsa melao, le tse dingwe fela tse mopalamente, ka nako eo, a bonang di ka itsisiwe batho. Go sale foo, re ne ra re, diphuthego tse gape e a bo e le nako ya gore morafe le one o itekodise mopalamente; o bolele tse di sa ba robatseng, tse ba eletsang di ka dirwa mo ga bone.

Re tsweletse ra re, le fa gone lefatshe leno le namile, dikgaolo di katoganye, gantsi fa mopalamente a tsenang teng, selelo se se sengwefela; se a tshwana. Batho ba tlaa lela ka lenyora, gore ga go na metsi mo ga bone, ba lele ka gore ga go na ditsela kgotsa di teng mme ga di tlhokomelwe, ba lele ka go tlhoka ditiro, le ka tse dingwe tse dintsi, tse e leng gore fa di se yo, botshelo bo nna thata.

Gape re ne ra re, ka dikgaolo di ditona, mopalamente ga a ke a kgona go tshwara phuthego mo kgaolong yotlhe a e wetsa ka nako e le nngwefela. Boemong jwa go dira jalo, o tsaya kgaolo ka go e natha. A tseye bontlha bongwe jwa yone, e ka nna motse, kgotsa kgotla, a tshware phuthego koo. E re gongwe letsatsi lengwe, a tsene bontlha bongwe gape.

E rile kgang ya rona e ntse e tsweletse, ra ya go thibelela kwa Suping kwa Molepolole. Go bolelwa fa kgotla ya Suping e le bontlha bongwe jwa kgaolo ya Molepolole Bokone. Ga twe e ne ya re ngogola ka Ngwanatsele, mopalamente wa kgaolo, Rre Mohammed Khan, a tshwara phuthego koo. Fela jaaka gale, ya bo e le nako ya gore batlhophi ba itekodise moemedi wa bone. Ba tla ka tsone tse di sa ba tsoseng. Ga twe ba lela ka lenyora gore Suping ga a na metsi. Ba lela ka gore mo ga bone ga go na ditiro, tiro ke Ipelegeng fela.

Ba nyatsa se ka re utlwa go twe, Ipelegeng ke tiro e e fapaanelwang mme e bile dituelo tsa yone di kwa tlase. Ga twe motho o tsena kgwedi, e re kgwedi eo e fela, a tswe a sutele yo mongwe. Yoo le ene a tsene kgwedi fela, e re e fela le ene a sute, a sutele yo mongwe. Go nne go tswelele fela jalo, di nne di nwe di diboisanya.

Mo godimo ga tse, ga twe batho ba lela thata ka gore ga go na dikole kwa Suping, bana ba latela dikole kgakala. Ga twe ka lone lebaka le, batsadi ba re ba nna fela ba tshogile. Ba tshositswe ke eng? Ba tshositswe ke gore, ka malatsi ano borukutlhi bo tletse lefatshe, e ka nna ya re bana ba le mo tseleng, ba ya, kgotsa ba tswa sekoleng, ba tlhaselwa ke dirukutlhi. Ga twe motsadi mongwe ene o ne a re, o nna a bofile mala ka tukwi, ka ga a ke a itse gore, a ngwana wa gagwe o tlaa boa a tshela.

Potso ya tsena gone fa ke gore, a fa motho a nna a tshogile, a akanya gore sengwe se se maswe se ka mo diragalela, ga twe o nna a bofile mala ka tukwi? Mmualebe o ne a re, Setswana ga se rialo. A re, Setswana sa re, motho yoo o nna a tshwere mala ka mabedi.

Maloba ga re a ka ra bona nako ya go ntsha dikai tsa se re buang ka sone fa. A jaanong  re lebelele dikai ke tse. A re re, Morwadi o tlhotse letsatsi lotlhe kwa tshimong. 

Fa a boa koo, o fitlhela go se na dijo mo lwapeng. O a ema, o a apaya. Ka o tlhotse letsatsi lotlhe a sa ja sepe, Morwadi o tlaa re, o tlhotse a bofile/gatlhile mala ka tukwi.

A jaanong re re, dikgomo dingwe ke tse di rata go hula fa tlase ga tshimo ya ga Morwadi. Ka di natefelelwa ke go hula fa, Morwadi o nna a tshogile, a belaela gore, dikgomo tse, di ka nna tsa tlhagelela mo tshimong tsa mo senyetsa. Ka gone gore o nna a tshogile, a belaela gore dikgomo di ka nna tsa mo senyetsa, Setswana se tlaa re, Morwadi o nna a tshwere mala ka mabedi, e seng a a bofile ka tukwi.

motshwanes@yahoo.com