Naledi

Magodu a dikgomo a tlhasetse kwa Mahalapye

Matlalo a dikgomo tsa bogodu
 
Matlalo a dikgomo tsa bogodu

Mo potsolotsong le Naledi, Mamadi o boletse fa go seke go feta malatsi a mabedi go sa begwe ka borukhutlhi jo, mme yare go tsibogeleng ditiragalo tse, ba fitlhela magata le matlalo a dikgomo fela.

Mamadi a re se sengwe ke gore ditlhogo tseo le matlalo a tsone a nna a fitlhelwa a segolotswe matshwao a tshipi le a makeketlo, selo se areng se ba ketefaletsa go tlhotlhomisa sentle le go rurufatsa bosupi mogang ba sekisang badiramolato.

“Re tshwentswe ke bogodu jwa dikgomo mo Mahalapye le metse e e mabapi. Maabane fela jaana re fitlhetse dilalome di segolotse ditsebe go latlha bosupi jwa letshwao ba bo ba segolola ditshipi mo matlalong, mme go dire gore go nne thata go ka itse mong wa dikgomo,” a rialo Mamadi.

O tsweletse a re maloba ka kgwedi ya Hirikgong, ba fitlhetse ditlhogo tsa dikgomo di feta borobabongwe mme ba fitlhetse dikgoropa tsa tsone di latlhetswe gaufi le Taupye, gaufi le Mahalapye.

Mogolwane yo o supile fa ba santse ba le mo lefifing la gore mme gone dikgomo tse di bolaelwa kae ka jaana ba ise ba tshware le fa ele mmelaelwa ope. Mamadi a re ntswa ba santse ba tlhotlhomisa, gone fela ba utlwalela motswadilo wa gore di bolaelwa ntlheng ya kgaolo ya Tswapong gaufi le metse ya Machaneng le metsana e e mabapi.

Mamadi o kopile sechaba go tlhwaafalela go disa leruo la bone a re dikgomo di bonwa gangwe le gape di gobea mo mebileng ya motse wa Mahalapye. A re seemo se sefa magodu tshono ya go gatelela kgabagare ba utswe leruo le.