Naledi

Re tlhoka batshameki ba maitemogelo � Mahaja

Batshamiki ba Sharps ba kgwa setshwe le go tsaya ditaelo mo bakatising PIC: ZOLANI KRAAI
 
Batshamiki ba Sharps ba kgwa setshwe le go tsaya ditaelo mo bakatising PIC: ZOLANI KRAAI

Ba boletse fa go tlhoka o dira jalo go tla pateletsa ditlhopha tseo go dirisa batshameki bale bangwe gangwe le gape mme go sena kgolo e e akaretsang batshameki ba maitemogelo a liki e kgolo ya BTC.

Ditlhopha di tshwana le Mochudi Centre Chiefs, Township Rollers le Gaborone United di kile tsa fologela mo liking e ya ntlha ya setshaba, mme ka ntlha ya batshameki ba ba nang le maitemogelo ba ditlhopha tse di neng di na nabo ka nako eo, go ne ga nna motlhofo go boela mo liking e kgolwane ka bonako, le fa GU yone e ne ya nna dingwaga di feta bongwe.

Kwa bokone jwa lefatshe leno, ntswa TAFIC e ntshitse sehuba, dingwe tsa ditlhopha tsa koo jaaka TASC le Great North Tigers le Ecco City Greens di sa ntse di lwa thata mo liking ya Debswana, mme go ise go nne bonolo gore di ikgate motlhala go boelwa kwa di go tswang. Se se bakwa ke se go tlhoka maduo a go sa boneng batshameki ba ba maleba go ka thusa ditlhopha tse.

Go tlhoka go tsibogela seemo se, ditlhopha dingwe di iphitlhela di retelelwa ke go pagamela kwa liking e kgolo ya BTC, jaaka Black Peril, Prisons, Mogoditshane Fighters, Notwane, tota le yone Letlapeng.

Ka go bona se, le gone go ithutela mo ditlhopheng tsa pele, ditlhopha tsa liki ya Debswana dingwe ga di batle go iphitlhela di pitika fela mo leroleng dingwaga tse dintsi, eleng seo bagolwane ba tsone ba emeng ka dinao go tlhomamisa fa di kwadisa maina a a ka kgonang go thusa ditlhopha tse go tshameka botoka.

Ditlhopha tsa Notwane, Unioa Flamingo Santos, Mogoditshane Fighters, Prisons XI di ne tsa fologela mo liking e ya Debswana ya kgaolo ya borwa dingwaga di le dintsi tse di fetileng, mme barati le balatedi ba tsone ba setse ba lapile melala ka ntlha ya go lelala ngwaga le ngwaga ka tsholofelo ya gore ditlhopha tse tsa bone di tla a palamela kwa liking ya BTC.

Entse e le mo liking ya Debswana mo borwa go lebega setlhopha sa Sharps Sweeping Stars se dumela sentle gore fela jaaka ditlhopha tse di kwa liking e kgolwane ya BTC, morago ga go tshameka sentle mo go ya Debswana ngwaga e e fetileng eleng sa Security Systems le Black Forest di ne tsa tlhomamisa gore di kwadisa batshameki ba maina a a rileng, le sone se tla a dira fela jalo.

Se jaanong se setse se ba ungwela maduo a tsholofelo ka barati le balatedi ba sone ba setse ba opela dipina tse di bolelang fa tsela ya go fenya liki ya monongwaga ya Debswana e ntse e bulegela pele, se mme e le gone gore setlhopha se, e re se ntse se tshameka sentle se tlhomamisitse gore se kwadisa batshameki ba ba nang le maitemogelo, ebile ba ne ba thusa ditlhopha di le dintsi go fenya bosimega jwa diliki ka go farologana.

Setlhopha sa Sharps Sweeping Stars, se seneng se bidiwa Sharps Electrical, sone se simolotse go ngoka batshamiki ba banang le itemogela e ntsi ya liki e kgolo.

Mo puisanyong le mokatisi wa Sharps, Wilfred Mahaja bogogi jwa setlhopha bo lemogile fa paka eno e ba tshwaretse lesego le Katlego mme ba dumalana go tswelela ba dirisa batshameki ba ba goletseng mo setlhopheng. Mahaja a re go dira jalo go tiisitse moko batshameki ba go itshupile mo tshamekong ya legato la ntlha la paka e.

A re bane ba tsena mo dipuisanyong le Moatlhodi “Jomo” Moalthaping yo a kileng a tshamekela ditlhopha tsa liki e kgolo dile mmalwa jaaka Township Rollers, yo bosheng a neng a sena setlhopha sepe se a se tshamekelang mme a dumalana go tshamekela Sharps. Mahaja a re maikaelelo a ga Moatlhaping ke go fema go nna fela kwa gae a sa dire sepe mme a bolela fa tshameko ya gagwe e kgothaditse batshamiki ba a ba fitlhetseng, ba ba senang boitsaanape jo bo tshwanang le jwa gagwe.