Naledi

Basadi ba kgabisa metshameko bontle

Tatedi le kemonokeng e ya basadi ga ntsi e bonwa thata kwa mabaleng a metshameko ka go farologana, se go bonala sentle gore se dirwa ka basadi ba ba nang le mowa o montle wa go neela batshameki ba ditlhopha tsa bone kemonokeng e ba e tlhokang go fenya dikgaisanyo.

Go setse go tlwaelesegile gore ditlhopha tsa motshameko wa kgwele ya dinao, tse ga ntsi di tshamekelwang ke banna, di na ke kemonokeng e ntsi thata ya basadi, mme ebile go lebega go ise go nne le setlhopha se se itshupang fa e le sone se ntshang nko mo go tse dingwe ka palo e e kwa godimo ya balatedi ba basadi. Basadi ba ditlhopha tsa diliki go ralala lefatshe lotlhe, ba kgaba thata ka dipaka tsa mebala ya ditlhopha tsa bone, se e le go supa gore barata go bona di dira sentle mo metshamekong ya tsone.

Le fa ditlhopha tsa bone di ka tswa di sa dire sentle mo metshamekong ya liki, kgotsa go gapa dijana, basadi ba ga ba ke ba ipona tsapa go reka dipaka tsa ditlhopha ka go farologana ga tsone.

Ba tswelele ba tsene metshameko e ka dipelo tse di nang le tsholofelo ya gore e tla a re letsatsi lengwe le bone ba tswe kwa lebaleng ka dipelo tse di tletseng boitumelo.

Ga ntsi basadi ba, ba a bo ba kgabile thata, ba lebega ba le bantle  mo mannong a babogedi. Mantswe a bone a le kwa godimo go utlwiwa ke motho a le dikhilomethara di le pedi kgakala le fa ba leng teng. Se gantsi se utlwalang ke mokgwa o montle o ba o dirisang go reta batshameki ba ditlhopha tsa bone, moreetsi a utlwe go ntse go bidiwa bo Shosho, Nana, Baby le a mangwe ka go farologana ga one.

Go utlwa mantswe a a basadi ba baemanokeng batshameki, go dira gore le bone ba ikutlwe ba tsenwa ke mashetla a mantsi thata.

Bangwe ba bone e re ba tsholetsa matlho go leba kwa letlhakoreng le barati le balatedi ba bone ba ntseng mo go lone, ba je monate wa matlho ka go bona basadi ba kgabile thata ka paka ya setlhopha sa bone, go akaretsa le ka tsone dikhukhu tota.

Se ere se diragala, batshameki ba  itumele nno kana phenyo mme ba tabogele kwa balateding ba setlhopha kwa ga tsi go nnang bo mme teng. mme ke sone se e a reng fela setlhopha se sena go bona nno, batshameki ba tabogele kwa go bone.

Ka jaanong go setse go itsege gore basadi ke tatedi e e botlhokwa, ditlhopha dingwe di setse di itse fela gore ga di ya go tshameka go botlhokwa thata gore basadi ba barati le balatedi ba seka ba tlogelwa kwa morago.

Ditlhopha tse di potlana gareng go tse dingwe, Black Forest, Security Systems, Sankoyo Bush Bucks le tsone di tshotse tatedi e ntsi thata ya barati le balatedi ba basadi, go jesang monate thata go ba bona ka mekgabo e mentle ya ditlhopha tse gongwe le gongwe kwa di tshamekang teng.

Se supe gore ga se ditlhopha tse ditona jaaka Township Rollers, Mochudi Centre Chiefs, Gaborone United, BDF XI le Extension tse di nang le tatedi e ntsi ya basadi.