Blogs

Gompieno o bonye dife?

Gangwe le gape go lelwa ka gore, bana ga ba na tsebe; ba se na tsebe jaana, bangwe ba felele ba ya le naga, ba dira ditiro tse e seng tsone jaaka go nwa ditlhatshana le go dira tse dingwe tse dintsi.

Potso e nne gore, mme go ntse jaana, bana ba bo ba ka thusiwa jang; fa go ka tswelela go ntse jalo, tshaba re tlaa aga e e ntseng jang?

Go leka go lwantsha seemo se, bangwe kwa Kgatleng ke bao ba tla ka mogopolo wa Mochudi Winter Half Marathon mme lebelo leo, la tshwara la ntlha, ngwaga ono, ka Phukwi.

Go bolelwa gore, mongwe wa ba ba neng ba le koo, e ne e le mogolwane wa Lephata la Tlhabololo Banana Metshameko le Ngwao, Rre Geoffrey Gare.

Go ya ka polelo ele, Rre Gare o ne a rata tiro e thata,  a akgolela bana go bo ba e tshologetse.  Mongwe gape yo go bolelwang a ne a le koo, ke Rre Ernest Kopong, yo go tweng ke ene a neng a tla ka mogopolo wa lebelo le, la Mochudi Winter Half Marathon.

Ga re a tswela gope kgakala, re ntse re itisitse le Dikgang (Daily News /Phukwi 31 2018 ) mme re fitlhela polelo e ya Mochudi Winter Half Marathon mo go yone.

Fa e ntse e tsweletse e bega ka fa e reng Rre Kopong o ne a bua ka teng,   Dikgang (Daily News)  ya re; ‘…..a re lentswa morogo wa ngwana o sa tlhophiwe ditlhokwa, ba itumeletse kemo nokeng ya banana…..’

Mo malatsing a a fetileng, re ntse re nopola mafoko mangwe mo dipolelong tse re ntseng re kopana natso, mme re botse gore o bona diphoso dife mo mafokong ao, le gore, fa o bonye diphoso dingwe gone foo, o ka di baakanya jang. Mme le gompieno re ntse re a tswelela re botsa potso eo.

Ra re, tlhoma mafoko a re a nopotseng ale matlho mme re utlwe gore o bona diphoso dife mo go one.

Re re, fa o bonye diphoso dingwe mo temaneng e e fa godimo ele, ke dife, o ka di baakanya jang? Ga re itse gore o tlaa araba o reng,  mme rona phoso e re e bonyeng ke lefoko ‘lentswa.’ Jaaka re bonye, ga twe yo o neng a bua o ne a re, ‘…lentswa morogo wa ngwana….’  Phoso ke eng ka lefoko ‘lentswa.’

Phoso ke gore, lefoko le, le tshwaragantse mafoko a mabedi, a tota a ka bong a kgaoganye. Go kwala sentle re tshwanetse gore re re, ‘…..le ntswa morogo wa ngwana……’ mafoko a, a kgaogane. 

Mafoko a gape, re ka a emisetsa ka ‘le fa,’  Fa o etsetlhoko, o tlaa bona gore mafoko a, ‘le fa,’ le one, a a kgaogana, ga a patagane. Fa re a tshwaraganya re re, ‘lefa morogo wa ngwana…..’ foo ke phoso,  ga re a kwala sentle.

Fa re kwadile re a tshwaragantse, re bua ka go duela.

Fa motho a dirile molato, go ka twe, o tlaa otlhaiwa, a otlhaelwa molato oo, kana go twe, o tlaa duela, o tlaa lefa. Re ka re, Kgabutlwe o ne a lefa, a  lefela gore dikgomo tsa gagwe di jetse Mhudi  mabele; ke gore Kgabutlwe o ne a duela molato oo.

E re bana ba rewa maina go twe, Tefo le tswa mo go lefa, yo mongwe go twe Tuelo, le tswa mo go duela, mme maina a, a bo a raya selo se le sengwefela. 

Fa, re leka go supa gore, mafoko ‘le fa’ e le legokedi, le ‘lefa’ e le lediri, ga a kwalwe ka go tshwana. Jaaka re supile fa godimo fale,  ‘le fa’ o ka dirisiwa boemong jwa ‘le ntswa,’ yo le ene e leng  legokedi.  Fa polelo e ya Mochudi Winter Half Marathon, e ntse e tswelela, temana nngwe fa tlase fale ya re; ‘O ne a tlhalosa fa batla ikitaa sehuba mo ngwageng o o tlang…..’ Ke ao. Potso e ntse ke gore, mo temaneng e, o bonye kana o bona phoso efe; gape, o ka e baakanya jang? A re tlhamalale re re, rona phoso e re e bonyeng ke lefoko ‘batla.’

O botse gore, molato ke eng ka lefoko le? Molato ke gore, go dirisitswe lefoko le sele, e seng mafoko a a neng a tshwanetse go dirisiwa.

O botse gape gore, mafoko ao, ke afe. Re tswelele re re, fa re re, ‘batla,’re bua ka go senka jaaka re ka re, Kutlwelo o ile go batla dikgomo, re raya gore, o ile  go senka dikgomo. 

O tlaa lemoga gore le, ga se lefoko le le neng le tshwanetse go dirisiwa fa godimo fale.

Mme potso e nne gore, le le neng le tshwanetse go dirisiwa ke lefe? Karabo ke gore, go ne go tshwanetse go dirisiwa mafoko a mabedi, e leng, ‘ba tlaa.’

Go kwala sentle, polelo e ne e tshwanetse gore e re, ‘…..ba tlaa ikitaa sehuba…..’ Mafoko a, ga a bue ka go batla, ga go senka. 

A supa gore, ba ba neng ba bua, ba ikaelela go dira sengwe mo nakong e e tlang, kgotsa mo lobakeng longwe lo lo tlang.

Go ya ka polelo, nako eo ke ngwaga o o tlang. O tlaa bona gore, fa re re ‘ba tlaa’ go farologana thata le fa re re, ‘batla.’ Jaanong, a re nne re eletlhoko gore Setswana se kwalwa jang, le rona re tle re se kwale sentle, se lolame.