Blogs

Ka tsebe gone a reng?

Ka gone go dira jaana, Setswana sa felela se na le mafoko a a bidiwang manatetshapuo kgotsa dipapisapuo. Re setse re kile ra bua ka dingwe tsa dipapisapuo tse, mme gompieno a re utlwe gore e a re Motswana a natefisa puo ka lefoko ‘tsebe,’ gone a reng.

E a re a ntse a tsweletse a natefisa puo, Motswana a re go na le go tlhwaya tsebe. Go bua jalo, a raya eng? Ka go tlhwaya tsebe, Motswana o a bo a raya go reetsa. A re re, Bodikelo o ya ga Segaolane, o latela basimane koo. Fa a ntse a tla, o utlwa go tsogile modumo mme ga a utlwe gore tota go buiwa ka eng. O a goroga, o tsaya setilo, o nna fatshe. Fa a le foo, kgang ya basimane e ntse e a tswelela mme o reetsa thata.

Modumo o nna o tswelela ka basimane ga ba naalane sebaka sa go bua ba amogana kgang; ba bua botlhe fela ka nako e le nngwefela. Morago ga lobaka, a se na go nna a reetsa thata, ke gone Bodikelo a utlwa gore basimane ba bua ka khudu kgang e le gore, khudu ke eng; a ke segagabi, sebatana, kgotsa phologolo? Kgang ya nna ya tswelela mme ya se ka ya fela ka basimane ba ne ba sa dumalane gore tota khudu ke eng.

A Jaanong re re, fa Bodikelo a tswa fa, a ya ga Khularelo mme a fitlhela Kenwetswe koo. Fa ba le foo, ba tshwere tsa bone dikgang, Bodikelo a bolelela Kenwetswe ka kgang ya basimane.

E ka re fa Bodikelo a ntse a bua a re, e rile a tsena kwa ga Sega, a fitlhela basimane ba tsositse modumo o a neng a sa itse gore ke wa eng. A tswelele a re, e rile a le foo, a tlhwaya tsebe mme ya re a ntse a tlhwaile tsebe jalo, ke gone a utlwa gore basimane ba bua ka khudu.

O bo o ka botsa gore, ka go tlhwaya tsebe, Bodikelo o raya eng. Fa a re o ne a tlhwaya tsebe, Bodikelo o raya gore, o ne a reetsa thata, a batla go utlwa gore go buiwa ka eng, mme a felela a utlwa gore go tshwerwe kgang ka khudu. O bua jalo Motswana a re, o tlhwaya tsebe, a raya gore o a reetsa. Gape a re, o tlhwaile tsebe, a raya gore o reeditse thata.

A gape re re, Bodikelo ke yoo, o kgaogana le basimane kgang ya bone e sa fela. Fa a tswa ka kgoro, o ba raya a re, ba tswelele le kgang, ene o tlaa nna a tlhwaile tsebe.

Fa Bodikelo a re o tlaa nna a tlhwaile tsebe, o raya gore kwa a tlaa bong a le teng, o tlaa nna a reeditse gore kgang eo, e wetse kana e feletse jang.

Go bua jaana, ga a reye gore koo, o tlaa bo a reeditse basimane ba bua. O raya fela gore, o tlaa bo a ntse a letile go utlwa gore kgang e feletse jang, mo e leng gore, e ka re nako nngwe a kopana le bone gape, kana le mongwe wa bone, a botsa gore ba feletse ba re khudu ke eng; a ba ne ba dumalana kgotsa ba feletse ba ntse ba sa dumalane.

A fetele pele Motswana a re go na le go sekegela mafoko kgotsa molaetsa tsebe. Nako nngwe re ne ra kopana le polelo nngwe e e neng e bolela fa bogodu jwa loruo bo atile thata kwa Kang kwa Kgalagadi Bokone. Re ne ra utlwa go twe, e rile Kgosi Seipone a bua le morafe, a o kopa gore o sekegele tsebe molaetsa wa mapodisi wa go tlhama makogtlana a ntebela ke go lebele. Re itse fa makgotlana a, e le tsela nngwe ya go lwantsha bogodu le borukutlhi. Jaanong potso e ka nna gore, fa kgosi a ne a re go sekegelwe molaetsa wa mapodisi tsebe, o ne a raya eng?

Kgosi o ne a raya gore, morafe o reetse thata gore, se se buiwang sa reng, kgotsa one molaetsa oo, wa reng. Mme morafe o se ka wa felela ka go reetsa fela. O reng? O tswele pele, o etse ba ga Kreste. O reetse, o bo o dire se se buiwang; o tlhame makgotlana ao a ntebela ke go lebele. Ka go dira jalo, morafe o tlaa bo o tsere molaetsa oo sentle, o o sekegetse tsebe.

Go ntse go ntse jalo, go na le go sekegela motho tsebe gone go raya go naya motho kana go dira se motho a se kopang. A re re, Kutlwelo o a golega mme o tlhaelelwa ke dijokwe. Ka o a tlhaelelwa, o ya kwa go Kgabutlwe go ya go adima dijokwe koo. O feta a itela mme Kgabutlwe ga a nne dingalo dipe. Ka o itse gore, matlo go sha mabapi, fifing go tshwaranwa ka dikobo, o adima Kutlwelo dijokwe le dikei tsa tsone. Best sites

E tlaa re go ntse jaana Motswana a re, Kgabutlwe o ne a sekegela Kutlwelo tsebe, a raya gore, Kgabutlwe o ne a reetsa kopo kana selelo sa ga Kutlwelo mme a mo thusa, a mo naya se a neng a se kopa. Kutlwelo o ne a sekegelwa tsebe ka go adimiwa dijokwe; yo mongwe o ka tla mme ene a sekegelwa tsebe ka sengwe se sele. O bua jalo Motswana fa a natefisa puo ka lefoko ‘tsebe’ mme fela jaaka ka manatetshapuo a mangwe, e balole, e nne monate. Ba sekegele tsebe.