Naledi

Banana ba Domi ba ya go ithuna dinta kwa Tsabong?

Go tlaabo go tshwarwe ditlhopho tsa komiti kgolo ya banana, e mo bogompienong e eteletsweng pele ke Andy Boatile.

Dikgang tsa di nonyane di tlhalosa fa Boatile a tla seke a emele ditlhopho mme go solofetswe phadisanyo e e mashetla mo madongwaneng a mangwe go tsweng khutlong tse nne tsa lefatshe leno.

Kabelo Cortzee, yo gompieno eleng monnasetilo wa banana ba BDP ba kgaolo ya Kgalagadi, gongwe o tla iphimola dikeledi gone kwa ditlhophong tse, se ele gape go leka go busetsa serodumo sa gagwe kwa setlhoeng morago ga go latlhegelwa bosheng mo ditlhopong tsa poeletso tsa bokhanselara jwa Tsabong North.

Re solofela gore bokopano jo jwa madongwana, bo sekaseke ditshutiso dile mmalwa tse dineng tsa fetiisiwa mo bokopanong jo bo fetileng.

Malomatsebe a akanya gape gore dingwe tsa dikgang tse go ka buisanwang ka tsone, ebile dile kwa setlhoeng, ke seabe sa banana mo tlhabololong itsholelo ya lefatshe leno, go lebilwe letlhoko la ditiro le le amang matshelo a banana mono Botswana.

Gape, gongwe go ka lebelwa dintlha di tshwana le tsa tshekatsheko ya mananeo a puso a a itebagantseng  le banana, tota le Batswana ka kakaretso. 

Mangwe a o ne ele a YDF le  a a itebagantseng le temothuto.