Naledi

Teemane e lelwa mo makgobokgobong

Ditlhopha tsa liki ya Debswana
 
Ditlhopha tsa liki ya Debswana

Mabala a tsone a fetogile makgobokgobo  a diretse le maloko a dikgomo. Metshameko e tshwarelwa fela mo go tsone diretse, sengwe se se sulafatsang le gone go baya matshelo a batshameki mo diphatseng ka ntlha ya go relela le go wela fatshe kgapetsakgapetsa.

Mabala a ditlhopha tse otlhe fela ga a na motlho o o thibegetsang mmu, mme ke sone se e reng fa pula e na, bogolo jang ka bontsi metsi a dire gore mabala a nne mo seemong fela se se sa siamang, mme go pateletse ditlhopha go tswelela le metshameko fela, bogolo jang ka go lebilwe ditshenyegelo tsa go ipaakanyetsa metshameko e le gone go e latela bokgakaleng.

Motshameko fa gare ga Mochudi Rovers le Modipane United o ne o tshwanetse go supafala sentle gore ke wa diselammapa tsa Kgatleng, mme ka ntlha ya go nna bokgola thata ga lebala go ne ga bonala sentle gore batshameki ba ikgoga ka thata go tswa mo seretseng ba lelekile kgwele, e le yone e neng e gana go laolesega.

Ka ntlha ya go relela le go wa ga batshameki, diaparo tsa bone le tsone di ne di kgotletswe thata ke mmu o o kolobileng, sengwe se tota se swabisang go bona se diragala mo liking e.  

Madi a a tswang mo dikomponeng a ne a ka dirisiwa go jwala motlho mo mabaleng a ditlhopha tse go tokafatsa seemo se tshwana le sone se, se ka mafelo a beke se neng se le maswe thata ka metshameko yotlhe e tshameketswe mo go sone.

Barati le balatedi ba ba neng ba tsile motshamekong o ka dipalo tse di botoka, ba ne ba supa gore tota mabala a ditlhopha tsa bone a siame fela fa go sena dipula, kgotsa ele paka ya pula, mme ba lela se se botlhoko thata go bona batshameki ba bone ba duba thankga ya seretse se se bakilweng ke dipula tse di tsweletseng.

Bangwe ba bone ba ne ba supa gore diemo di tshwana le tse, ga di a tshwanela go kabo di santse di fitlhelwa mo liking e e kwa godimo jaaka yone e ya Debswana, ba re fa Debswana e thusa ka go tsamaisa liki e, go botlhokwa thata gape gore go nne le dikompone dingwe tse tsone di ka itebaganyang le go thusa ka go tlhabolola mabala a a setseng a le teng.

Ba tlholosa gore go a swabisa go bona ditlhopha fela di tshwana le Mogoditshane Fighters,

Unioa Flamingo Santos, Notwane FC, Prisons XI, Mochudi Rovers le Modipane United tse tsotlhe di nang le mabala a eleng a tsone di sa thusiwe go lema motlho mo go one.

Mabala a a tshwanetse go tlhabololwa gore se le sone se thuse motshameko wa kgwele ya dinao go gola, ka batshameki ba liki e ya Debswana le bone ba tla a gola ba itse go tshamekela mo motlhong, mme se se dire gore e re ditlhopha tsa bone di tlhatlogela kwa liking e kgolwane ya BTC ba bo ba tlwaetse. K

gotsa e re ditlhopha tse di mo liking e ya BTC di ba reka le go ba kwadisa mo go tsone ba seka ba feta ba palelwa ke go tshameka mo motlhong, jaaka go diragala thata gompieno, mme tota mabaka e gore ga ba itse bolo, e le go sa kgoneng tshameko ya motlho.

Ke ga ntsi kwa dikgaolong go tlhokomela thata dikhansele, go botlhokwa thata gore le tsone di eme ka dinao go thusa go tlhabolola mabala, bogolo jang a e leng a bone ka go a agelela le gone go a jwala kgotsa lema motlho, mme a dirisiwe ke ditlhopha tse di fitlhelwang mo go tsone dikgaolo tse ka go farologana ga tsone.

Le fa e le gore go ka tura, khansele e ne le mananeo a le mantsi a go thapa babereki ba ditiro tsa bone tsa namola leuba, kgotsa Ipelegeng, tse babereki ba ba ka dirisiwang go lema one motlho ka tlhokomelo ya motho yo o itseng gore o lengwa jang.