Naledi

Montsho o boela mabelong

Amantle Montsho
 
Amantle Montsho

Mokatisi yo a re le fa Montsho a ntse a sa taboge ka ntlha ya go seegelwa thoko, o setse a supa tokafalo mo itshidilong mmele.

Otsetswe a re motabogi yo, ke motho yo o ratang thata go dira ka natla, le go ntsha maduo a a kwa godimo, bogolo jang ka a tlhaloganya botlhokwa jwa go dira sentle mo dikgaisanyong tse di mo gae, pele a ka lebisa matlho a gagwe kwa go tse di kwa ntle, tse di leng thata.

Mokatisi Otsetswe a re fa e ne e le pitsa, go ne go ka twe e budule ebile e tloga e tsholwa, ka motabogi a simolotse go gagabela kwa dinakong tse di mo letlang go siana mabelo a dikgaisano.  Fa a bua ka botlhokwa jwa gore Montsho a nne teng mo dikgaisanyong, Otsetswe a re se se ka thusa go tswelela ka go nna le kemedi ya motiya mo bataboging ba Botswana, bogolo jang ba basadi.

A re ga gona motabogi ope yo o tla tsayang lebelo le Montsho a leng mo go lone motlhofonyana fela, mme ebile le bone ba ba tlang fa morago ga gagwe ba tla a tiya moko thata go bona ba na le naledi e e itsegeng lefatshe lotlhe ka bophara.

Fa a bua ka batshameki ba ba ntseng ba tshwenngwa ke dikgobalo, ebong Nijel Amos (800m) le Baboloki Thebe (400m), Otsetswe o boletse fa ba sidilega, mme ebile dikgobalo tsa bone di ne tsa seka tsa bonwa di le masisi jaaka di ne di akanyetswa.

Motabogi yo mongwe yo o itsegeng jaaka setsuatsue, Karabo Sibanda (400m) o tsweletse sentle ka ikatiso mme ebile a kgonne go taboga bontle kwa Orapa mo dikgaisanyong tse di neng di tshwaretswe teng bosheng. A re o gatisitse nako e ntle e e tla tswelelang e mo thusa go tokafala mo mabelong a atlang mme a kgone go iponela phatlha kwa dikgaisanyong tsa mafatshefatshe.