Blogs

Ka tsebe gone a reng? (2)

Mme gape, a bidiwe dipapisapuo ka gore, a natefisa puo ka go e bapisa, ka go bapa nayo, e seng go e bua e tlhamala. Ka gone go bapisa puo mo, e re mafoko a, a dirisiwa, bangwe ba utlwe ba tlhaloganye, mme bangwe bone ba latlhege, ba se ke ba tlhaloganye se go buiwang ka sone.

E re fa Kgabutlwe a ka raya Dimenye a re, ‘Nnapela toise foo,’ ba eme tlhogo, ba hakgamale gore, toise e le tshipi, e le thata jaana, e ka napiwa jang. Gongwe ba bo ba ka ipotsa gape gore, yone toise eo, e napelwa eng, molato wa yone ke eng.

Tota mme Kgabutlwe a sa reye go napa ga lonala mo bontsi re go itseng; ene a ikopela motsokwe wa dinko mo go Dimenye.

Jaaka re setse re buile, e ne ya re gone nako ele, ra tlhalosa manatetshapuo mangwe a lefoko ‘tsebe’. Gompieno re ntse re a tswelela, e le go leka go thusa bangwe ba e ka reng go dirisiwa dipapisapuo tse, ba latlhega, ba se ka ba tlhaloganya se go buiwang ka sone.

E ne ya re fa kgang ya maloba e ya go wela, kana go khutla, go fela, ra bua ka lefoko ‘go sekegela selo tsebe.’ E rile re tlhalosa gore go sekegela tsebe go raya eng, ra boela polelo ya nako ele, e e neng e bua ka bogodu jwa loruo kwa Kang. Mo go yone polelo eo, re ne re utlwile go twe, e ne e rile a bua, kgosi a kopa morafe go sekegela molaetsa wa mapodisi wa go bopa makgotlana a ntebela ke go lebele tsebe; morafe o sekegele molaetsa oo tsebe, se, e le go leka go lwantsha bogodu jo bo neng bo bolelwa.

Potso ya nna gore, mme gone go sekegela selo tsebe, jaaka one molaetsa ole, kana mafoko ale, go raya eng? Karabo e ne ya nna gore, go sekegela selo tsebe, go raya go reetsa, o bo o dira se se buiwang.

Ra nna ra boela yone polelo ele e le sekai ra re, fa kgosi a ne a re morafe o sekegele molaetsa tsebe, o ne a raya gore, morafe o reetse molaetsa oo thata, o o amogele, o bo o dire se, one molaetsa, o se buang. Morafe o bope one makgotlana ao, a ntebela ke go lebele. Seo, e ne e le go sekegela molaetsa/mafoko, kgotsa, motho tsebe jaaka re ne ra bua ka Kutlwelo le Kgabutlwe.

A nne a tswele pele Motswana a re go na le go tsaya ka tsebe. O bo o ka nna wa botsa gore, motho o tsaya ka tsebe go rileng, molato e le eng? E le eng a sa tseye ka seatla kgotsa ka lebogo. Re re, mo ke go natefisa puo; ga go reye gore, tota motho o tsaya ka tsebe jaaka re tsaya, re tshwara, ka seatla.

Go tlhalosa lenatetshapuo le, a re boe re dirise polelo ele ya bogodu jwa loruo kwa Kang e le sekai. Kgosi ke yoo, o raya morafe a re o sekegele molaetsa wa mapodisi tsebe.

Ke gore, morafe o reetse thata, o bo o dire jaaka molaetsa o bua. Gone fa, dilo di pedi. Morafe o ka amogela molaetsa o wa ga kgosi le mapodisi, wa ba wa dira jaaka go kopiwa, wa tlhama makgotlana a ntebela ke go lebele. E re fa go ka dirwa jaana, re itumele, re re, morafe o sekegetse molaetsa ole tsebe. Ke gore, morafe o ne wa reetsa, wa  utlwa, wa amogela, wa dira se o neng o se bolelelwa, o kopiwa go se dira.

Go ntse go ntse jalo, morafe o ne o ka reetsa, wa utlwa, wa tlhaloganya se kgosi le mapodisi ba neng ba se bua mme kwa morago, kana la bofelo, wa se ka wa dira sepe. Se se neng se buiwa, se kopiwa, ya nna puo fela e e fetileng le phefo.

Fa go nna jaana, Motswana a re, morafe o ne wa tsaya fela ka tsebe; a raya gore, batho ba ne ba utlwa mme kwa morago ba se ka ba dira sepe. Ka tsebe ba reeditse, ba utlwile, mme kgato ga go a tsewa epe; ga go a dirwa sepe ka molaetsa ole, e nnile go reetsa fela, ga felela fela foo.

Fa go nna jaana, go se ke go nne monate ka gore bogodu bo ka nna jwa tswelela jwa golela pele, go se sepe se se bo thibang. Mme go nne jang? Bangwe ba bo ba ka felela ba supa letshotelo fela, maraka a se na sepe. E rile go twe, a re emeng, ntwa e bolotse, ka tsebe ga tsewa, mme ga se ka ga dirwa sepe.

E re Kutlwelo a ile go itela kwa go Kgabutlwe jaaka re ne ra bona, Kgabutlwe a reetse fela, a se ke a thuse ka sepe, mme tota e se gore o palelwa ke go ka thusa.

A bue sengwe fela e le seipato sa gore ga a kgone go thusa. E re a tswa fa, ka ga a bona se a neng a se solofetse, Kutlwelo a bo a ka nna a re, Kgabutlwe ga a mo thusa ka sepe, e ne ya nna go tsaya ka tsebe fela. Go utlwa o utlwile mme go dira gone, ga a dira sepe. A e natetshe jalo puo Motswana, a e bapise, e loe, e balole. E re selo se le monate thata a re, monate o tswa ka ditsebe.