Global Politics

Ka tsebe gone a reng? (3)

Maloba re ne ra wetsa kgang ya rona ka go tlhalosa lefoko ‘go tsaya ka tsebe.’ Re ne ra re, papisapuo e, e  raya go reetsa, o bo o utlwa kana o tlhaloganya se se buiwang, mme go tswa foo, o bo o sa dire sepe, o sa tseye kgato epe ka sone. Go tlhalosa bapisapuo e, ra nna ra boelela kgang ele ya bogodu jwa loruo kwa Kang e le sekai.

Ra re, fa e le gore morafe o ne wa tlhama makgotlana a ntebela ke go lebele, go lwantsha bogodu joo, jaaka kgosi le mapodisi ba ne ba kgothatsa, Setswana se tlaa re, morafe o ne wa tlhwaela molaetsa wa mapodisi tsebe. 

Mme fa e le gore, go ne ga se ka ga dirwa jalo morago ga go utlwa mafoko a ga kgosi, go tlaa twe, morafe o ne wa tsaya fela ka tsebe. Ke gore, morafe wa reetsa, wa utlwa, mme wa se ka wa tsaya epe kgato ka mafoko ale.

Mme e re re tswela pele, re utlwe Motswana a re go na le go nna ka ditsebe. Le, lenatetshapuo le dirisiwa thata fa ngwana a ka bidiwa mme a se ka a araba ka pela. A re re, Segaolane, Mma Seleetswane, o bitsa Seleetswane. O a bitsa, o a bitsa, ga go na ope yo o arabang. O a tswelela, o tlhatlosa lentswe, o a bitsa, mme Slee o ntse ga a arabe. 

Go bona Slee a sa arabe, Mma Slee o ya ka kwa mahuri mme o mo fitlhela koo. Ka go fela pelo, a tenegile gore o ntse a bitsa mme Slee a sa arabe, Mma Slee a re, ‘Ngwana ke wena, a o nna ka ditsebe?’ Go bua jaana, Sega ga a botse gore, a Slee o ntse ka ditsebe jaaka go nnwa ka marago. O buisiwa jaana ke gore o tenegile; o biditse ka lobaka, a tlhatlositse lentswe, mme Slee a sa arabe. Slee ene o araba ka gore, o ne a sa utlwe ka o ne a sa ntse a thusa basimane. Kgang e a fela, Mma Slee o bolelela  Slee se a neng a se mmiletsa.

A nne a fetele pele Motswana a kgabise puo mme a re go na le go baya tsebe. Gone go raya eng? Go araba potso e, a re boele fa morago fale, re re, nako ele, re ne ra bona Bodikelo a tsena kwa ga Segaolane a latetse basimane. Fa a tsena koo, a fitlhela go tsogile modumo mme a sa utlwe gore tota go buiwa ka eng.

Re ne ra re, ka Bodikelo o ne a sa utlwe sentle gore go buiwa ka eng, a atamela, a tlhwaya tsebe. Ra tlhalosa gore, go tlhwaya tsebe go raya gore, o ne a reetsa thata mme ke gone a utlwa gore basimane ba bua ka khudu, gore a khudu ke segagabi, sebatana, kgotsa phologolo.

Gone fa, boemong jwa go tlhwaya tsebe, Motswana o ka nna a re, Bodikelo o ne a isa tsebe, kana a baya tsebe, a ntse a raya gore o ne a reetsa.

Gape, nako ele re ne ra bona Bodikelo a kgaogana le basimane kgang ya bone e ise e wele; ba ise ba dumalane gore tota khudu ke eng. Fa a tswa ka kgoro, a ba raya a re ba tswelele le kgang mme kwa a leng teng, o tlaa bo a ntse a tlhwaile tsebe.

Re ne ra re, fa a re o tlaa bo a ntse a tlhwaile tsebe, Bodikelo o raya gore, o tlaa bo a ntse a reeditse, a letile go utlwa gore basimane ba feditse kgang ya bone jang; a ba dumalanye gore khudu ke eng, kgotsa, ba ntse ga ba dumalane.

Go sale foo, Bodikelo o ne a ka nna a re, kwa a leng teng, o tlaa bo a ntse a beile tsebe go utlwa gore kgang e wetse jang, a ntse a raya gore, o tlaa leta go utlwa gore basimane ba feletse fa kae ka kgang ele;  a ba dumalanye kana ba kgaoganye fela go ntse go sa wela gore tota khudu ke eng.

A ntse a loisa Setswana, Motswana a re go na le go goga ka tsebe. A  re re, go na le maitiso golo gongwe. Pusetso o batla go ya  koo, mme a se nosi, a na le mosetsana mongwe. Ga ba a tlwaelana, fela ba a itsanye.

 Jaanong, Pusetso o ya kwa go Ponelo go mo kopa gore ba tsamaye mmogo, le fa a belaela gore, gongwe go tlaa feta go nna thata, Ponelo a gana go tsamaya nae.

Ga go nne jalo. Ponelo ga a supe ka tsela epe gore ga a batle go tsamaya le Pusetso. O a ipaakanya, o a fetsa, ba tswa ka kgoro ba a tsamaya.

Maitiso a feta a nna a a monate; ba boa koo botlhe ba itumetse thata. Ka Ponelo ga a supa ka tsela epe gore ga a batle go tsamaya le Pusetso, e ka re a bua ka tiragalo e, Pusetso a re, o fetile a goga fela ka tsebe, a sa reye a goga jaaka go gogwa podi; a raya gone gore, ga go a ka ga nna le sepe se se thata, Re jele go le kalo gompieno mme go ntse go setse.