Blogs

A ga se kgomo fela?

Go utlwala fa mo mafelong mangwe, maiteko a a puso, a busediwa kwa morago ke bogodu. Ga twe batho bangwe ba thusiwa ka loruo, e ka nna dihutshane kgotsa dikgomo.

Ba tseye ba tlhatlhele mo marakeng a bone, ba leka go kokotletsa.

E re batho bao, ba sa ntse ba huhula jalo, ba re ba lekela gore e re ka moso ba bo ba le golo gongwe, ba bangwe bone ba tswe koo, ba tle go bula maraka ao ba itseele.

Bangwe ba kopane le loruo loo mo nageng mme le bone ba tseye ba ye kwa ba go yang.

Go bolelwa fa longwe lwa loruo loo, lo tlhajwa, go olelwe ka ditanka tsa metsi, go ye go rekisiwa.

Ba ba itseng kgotsa ba ba bonyeng ba re, o tlaa bona koloi e feta e rwele ditanka (jojo) wena o re e rwele metsi. Ijoo, ga o itse, go rwelwe dinama. Mong wa kgomo kgotsa dipodi tseo ene a jewa ke naga a re o a batla, tsone ga di fano, di sale di fetile ka jojo.

Motho a sale a iphotlhere, a ne a rile o leka go itlhatlosa, puso le yone e ne ya reetsa selelo sa gagwe, ya mo thusa. Go felele kae? Mo phefong, motho a sa palelwa, a senyeditswe ke ba ba reng ba botlhale.

E re go nna jaana, kopo e nne gore, a rotlhe re eme ka dinao, re leke go lwantsha bogodu. Go twe, a e re re bona dilo tsa go nna jaana, re se di tlhokomologe, re akofe re di bege kwa molaong.

Kwa ntle ga bogodu, jo bone bo dirwang ke motho ka bomo, go nne le dikgoreletsi tse dingwe, tse tsone di sa laolweng ke ope. Leuba le tlhasele.

E re ka pula e a bo e se yo, balemi bangwe ba itlhoboge, ba se ke ba leme. E re ka tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, bangwe ba leme mme thobo e se ke e nne epe e e nametsang.

Le fa go ntse jalo, e re ka o a bo a bonye sengwe, Motswana a ikgomotse ka gore, boremo jwa mogoma ga bo tlhobogwe.

Leuba le se ke le babalele balemi fela. Barui le bone le fete ka bone. E re ka go a bo go omeletse, go se na bojang, loruo lo tlhoke kwa lo ka hulang teng.

Nako nngwe le one metsi tota lo a tlhoke, lo bopame thata, go se na gore lo ka hula kae, lo ka nwa kae. Longwe lo felele lo latlhegetse beng ba lone, lo sule.

Go ultwala fa morui mongwe kwa Kgalagadi a ne a bona tiragalo ya go nna jaana, a amogwa loruo lwa gagwe ke leuba. Go begwa fa morui yo a ne a reketswe dipodi ka lenaneo la LIMID.

Ga twe a re, o ne a fiwa dipodi di le lesome le boraro mme dipodi tse tsa se ka tsa mo tshelela, tsa jewa ke leuba. Ga twe mo palong ele ya lesome le boraro, a re o ne a sala ka dipodi di le tlhano fela. Go a bonala morui yo a boa a ikuela, mme a nna a thusiwa.

Go ya ka pego nngwe, morui yo, yo e leng mosadi, o ne a rekelwa dipodi di le masome a fera bobedi le botlhano, tsone di tla ka lenaneo la banana (Youth Development Fund).

La nna la tla le mo setse morago leuba, tse le tsone tsotlhe tsa a swa. Mme yo a sala a iphotlhere, maiteko a gagwe le a puso, a go leka go itlhotlhora lehuma, a ile le phefo. Mme e se leuba fela le emeng morui yo pele.

 Dikgang (Daily News Labone Tlhakole 2016) fa e bega ka fa a neng a tswelela a bua ka teng, ya re;

‘O boletse gape gore e re le ntswa leuba le tsentse tlhako kgamelong, ba lebanwe gape ke go tlhoka kwa ba ka rekisang dipodi tsa bone teng…..’

Ke eo kgang. Ga twe morui a re leuba le tsentse tlhako kgamelong. Gone go a utlwala gore, se go buiwang ka sone ke gore, leuba le gaketse, le bogale.

A mme go tlhamaletse gore go twe leuba le tsentse tlhako kgamelong; A lenatetshapuo le, le teng, le a tshela?

 A dilo tse dingwe jaaka lone leuba le pula, go ka twe di tsentse tlhako kgamelong?

A e ka re fa pula e na thata jaaka re bonye maloba e dira, ra re e tsentse tlhako kgamelong; A go tlaa bo go tlhamaletse? A ga se kgomo fela e Setswana se reng, e tsentse tlhako kgamelong?

Mmualebe a re ke kgomo fela, dilo tse dingwe tsone nnyaa. Wena wa reng? A re utlwe ka koo.

motshwanes@yahoo.com