Naledi

Mmino wa sekeresete o tlhoka bopelotelele � Tebbie

Fela moopedi o o tumileng wa mmino o, Tebogo ‘Tebbie’ Sethomo a re go tlhoka bobelotelele.

Fa a bua le Naledi bosheng, Tebbie a re tota ga gona ope yo o eletsang go opela mmino wa sekeresete yo o tshwanetseng go nna pelo khutshwane. A re mmino o, o monate fela thata, bogolojang fa moopedi wa o ne a na le lorato mo go o ne.

A re bareetsi ba o ne ba utlwa monate wa o ne morago ga sebaka,bogolojang ka o sa tshamekiwe thata mo metsweding ya dikgang, O ne a tlatsa ka go tlhalosa gore tota a motho ope fela yo o eletsang go tsena mo go one, a seka a akanya madi pele, mme a akanye kgolo ya gagwe.

O ne a fa sekai ka ene, a bolela gore o sale a opetse mmino o a sa le monnye thata, a dira jaana go sena madi ape a a neng a a batla kgotsa a a solofetse. Se a tlhalosa fa se ne sa mo thusa go gola jaaka moopedi wa mmino wa sekeresete.

Tebbie a re fa a ntse gola jaaka moopedi, tlhamo ya gagwe e ne ya gola le yone, melaetsa ya dipina le yone ya tlhabologa go utlwala sentle fa e reeditswe ke bareetsi ka go farologana.

Mabapi le diphitlhelelo tsa gagwe Tebbie o boletse fa di tsile ka lorato le maitemogelo, eleng seo a nnang fela a laleditswe ke diphuthego tsa dikereke mono Botswana le kwa ntle jaaka kwa Aferika Borwa, Ghana, Nigeria, Namibia le kwa moseja ga mawatle jaaka kwa London.

Sengwe se a reng se botlhokwa thata, ke go rata go ithuta, bogolo jang mo go ba ba setseng ba kgonne go itsetlela mo mmarakeng wa mmino wa sekeresete. A bolela fa e ne a butse kgoro ya ntlo ya gagwe gore mongwe le mongwe yo o batlang thuso kgotsa kgakololo ya gagwe o ka tsena ka yone go bua le ene.

Moopedi yo, o papamaditse fela a bolela gore Batswana ba na le talente e ntsi thata ya kopelo ya sekeresete, mathata fela e le go fela pelo fa ba sa bone maduo ka bonako.

A re gape bangwe ba bolawa ke go rata go etsa kgotsa go kopa ba bangwe, a kopa gore a moopedi mongwe le mongwe a nne ene, le lentswe a dirise la gagwe le a le filweng ke Modimo.

O ne a digela ka gore o eletsa go bona ngwaga ya 2017 e nna yone e mmino wa sekeresete o golang thata, a re o eletsa go bona bo Kabelo Eric, Keba le Tebbie ba basha ba phunyeletsa mo mmarakeng ka dipina tse di bogale.