Naledi

Diphetogo ke eng kwa Marareng?

Le jaaka e simolola beke e e tlang jaana, Batswana ga ba itse sepe ka se, ntle fela le ipapatso mo dikorateng ya puso.

Ga ba itse gore tota marara a ngunanguna ka eng mabapi le seemo sa matona go tlhoka go arabela dipotso tse di amang maphata a bone, fa e se fela go nna ba roma bathusa tona.

Ga ntsi fa phuthego ya Ntlo Ya Dikgosi e tsweletse, go lebega marara e le one fela a tlhaloganyang botlhokwa jwa se.

Se se iseng se tlhaloganyege sentle ke botlhokwa jwa go tla ga matona le bagolwane ba maphata a puso ka go farologana.

Go makgetho a le mantsi thata monnasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi Kgosi Puso Gaborone, a ngongorega thata ka matona a a sa tlotleng bokopano jwa marara.

Selelo sa gagwe gangwe le gape se bakwa ke go goga dilthako ga matona a sa tsenelele bokopano jo go tla go araba dipotsa le gone go tsaya dikgalolo tsa ditsamaiso tsa mananeo a ditlhabololo.

Modulasetilo o setse a kile a bolela gore matona a tshwanetse go tlhaloganya gore Dikgosi di eteletse merafe, mme ka go rialo go le botlhokwa thata gore fa di kopana, mongwe le mongwe yo o amegang a nne teng.  Go a swabisa tota go bona Ntlo Ya Dikgosi e nna e tsweletse ntle le matona le bagolo ba maphata ka go farologana ga one.  Re eletsa go bona bokapano jwa beke e e tlang bo farologana thata le a a fetileng, matona a tla ka dikgang tsa maphata a tsone, eseng go nna go le tona e le nngwe fela kana moemela tona wa lephata le sele go arabela matona a maphata a mangwe.