Naledi

Kgolo ya Setswana - Kgaolo 1

Naledi, jaaka leitlho la setshaba, e tsamaya le dikarolo tse e bonang Setswana se gatetse pele mo go tsone. Naledi ga e na lepe lenyatso mo ditemeng tse dingwe tse di buiwang ke Batswana. Mokwalo o maikaelelo ke go leba tiriso ya Setswana mme o sena maikaelelo ape a go nyenyafatsa diteme tse di teng, e bile re ipela ka tsone re le Batswana.

 

Puso

Puso e ka akgolwa gore ngwaga e e fetileng e lekile thata go tlotlomatsa tiriso ya Setswana. Modiro wa BOT50 o supile fa Setswana se le segolo thata. Go ne go le gontle go bona Batswana ba ipela ka dingwao tsa bone, ba di bua, ba di boka, ba di opela go ipelela dingwaga tse di masome matlhano lefatshe leno le ipusa. Lekoko la seromamowa sa setshaba le dirile tiro e ntle go anama le lefatshe, se gasa ka tlhamalalo, ba romile Michael Kaote le lekoko, re utlwa Batswana ba ipua, ba ikopelela, ba boka ba ipela ka ditso tsa bone, ba amogana molelo wa kgolagano. Ka letsatsi la Boipuso le bosigo pele ga Boipuso go ne go le gontle le go feta.

Puso e ntse e leka go ranolela mananeo a yone mo setswaneng. Fa go na le tekodiso ya setshaba, re e bona letsatsi le le latelang e kwadilwe ka Setswana. Se ka bo sone se dira gore puso e akgolwe thata.

 

Diromamowa

Kwa ntle ga go tshameka dipina tsa Batswana tse di tlhamilweng ka diteme tsa rona le bana ba rona, diromamowa tse di ikemetseng di leka thata go bua Setswana. Bontsi jwa dikakgelo di dirwa ka Setswana. Barutegi ba Botswana le baeteledipele, ba setse ba leka thata gore fa ba biditswe mo seromamoeng, ba dire ditshekatsheko le dipego ka Setswana. Baanamisi le bone ba ka akgolelwa go bua Setswana, ba nna gaufi le setshaba se se ba reeditseng.

 

Dikoranta

Go santse go le boutsana go bona Setswana mo dikoranteng tsa mo gae. Go fitlha jaana, Naledi, Daily News le Kutlwano, ke tsone di tshwereng ka thata go dirisa Setswana. Se ka bo sone se a tshwenya gore le mororo re le Batswana, re tsaya dikgang ka segarona, re bala, re bona e le kgwetlho go kwala, re bega, re ipapatsa, kana re bapatsa dilo ka sone. Go ganelela kwa sekgoeng, gongwe go na le bokao bongwe mabapi le rona re le Batswana, gore re akanya re bo re leba segarona jang. Ka nngwe tsela gongwe ke kgopolo le thato ya babegadikgang gore gongwe le mororo bontsi jwa dilo di diragala ka Setswana, di balega sentle ka sekgoa. Se, Batswana ba tshwanetse go itshekatsheka mo go sone, ba se baakanya.

 

Badiragatsi

Bontsi jwa badiragatsi ba Batswana, bogolo jang baopedi ba dirile dipina le mebino ya Setswana e e utlwalang thata. Baopedi jaaka Magdeline Lesolebe (Charmagal), Tomeletso Sereetsi, Thabang Garogwe, Lister Boloseng, Dramaboi, Ditiro Leero, Makwakwa, Matthews Matsetse le ba bangwe ba ntshitse dipina tse di kwalegileng sentle thata ka teme ya Setswana. Go ne go kgatlhisa gore le mebino e mesha bo “Tlhomela” e bo e biditswe ka segarona. Mo go supa gore re a kgona re le Batswana.

Dikhwaere tsa rona tsa Setswana, le tsone di ne tsa seka tsa salela kwa morago, fa di dira gore keresemose le ngwaga o mosha, dikgabe thata ka botlhami jo bo kwa godimo jwa Setswana.

Baboki ba Botswana ba setse ba ntsha tlhogo mo go diragatseng poko ya Setswana mono gae le kwa ntle. Baboki ba setlhopha sa Motlhaolosa ba ne ba dira dietsele tsa ntlha tsa poko, tse di ne tsa tlisa mohumagadi Semane Molotlegi wa morafe wa Bafokeng gammogo le Kgosi Gopane, Kgosi Moilwa le bobegadikgang jwa SABC mono. Dietsele tse di ne di begwa ka tlhamalalo ke seromamowa sa Botswana. Motlhaolosa ba ne ba isa serodumo sa poko ya rona kwa lefatsheng la Aferika Borwa kwa Gopane, go ya go supa bontle jwa ngwao le teme ya segarona koo.

Khônsata ya masole, e ne ya supa kgolo gore ba simolole goletsa dipina tsa Setswana ba di amantse le moletso wa dipina tsa maloba fale (classical) le wa ngwao ya masekotshe a kwa ga Mmamosadinyana.

 

Meletlo ya setso

Bontsi jwa metse bo setse bo tsaya boikarabelo jo bogolo go dira meletlo ya setso mo metseng ya bone. Se se supa kgolo le tlhabologo e e nametsang ya gore jaaka Batswana re kgona go ipela ka dilo tsa rona, tse di re dirileng tshaba. Fa e rulagantswe sentle, e sa tlhatlagane, meletlo e e thusa batho go ikitse, go bopagana le go ka oka bajanala go tla go bona se Batswana ka go farologana ba se tshotseng. Ngwaga o o fetileng o ne wa supa Dithubaruba e le mongwe wa meletlo e e godileng thata ya setso. Ba lekgotla la BOSETU le bone ba ne ba dira mo go golo ka go dira moletlo wa ngwao. 

Ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, ba ka akgolwa thata go dira meletlo ya setso le dikgaisanyo tsa ga Tautona. Setlhoa sa bone ene ya nna fa ba diretse Dikgosi moletlo kwa sefikantsweng sa dikgosi tse tharo ba na le komiti ya BOT50.

 

Barotloetsi ba Setswana

Palo ya barotloetsi ba Setswana ga e gole sentle. Le mororo ba le teng ba ba setseng ba ntshitse tlhogo. Keletso ke gore e kete kemonokeng e ka nna teng gore ba kgone gore ba godise ba bangwe. Re santse re bona baitsaanape jaaka Professor Thapelo Otlogetswe a mekamekane le tlhabololo ya Setswana. Sebofo Motshwane wa karolo ya Naledi ya Mmualebe le ene o gwetlha Batswana go kwala Setswana se se tlhapileng. Le mororo ba hupilwe ke mmadikolo batlhatlheledi, Pearl Seloma, Rrenyane Dikole, Benjamin Janie, Brankie Nhlekisana, Dr Lukusa, Dr Herman Batibo le ba bangwe, ba tsweletse ka go tlhabolola le godisa Setswana ka go betla barutegi ba sone. Le go se motlhofo go ba akgola, re tshwanelwa ke go ba lemoga mo thotloetsong ya segarona.

Mekgatlho ya baboki le baopedi ba segarona e ntse e a gola. Fela bontsi e lela ka letlhoko la madi. Jaaka gongwe mo kgweleng ya dinao, dikompone di santse di le boutsana go tswela mo tswaing, ba ema nokeng mekgatlho e gore e godise segarona.

E tla tswelela beke e etlang