Naledi

Go Nwela ga Mendi - Kgaolo 1

 

SS Mendi e ne e le namane e tona ya sekepe, boleele se lekana le lobala lwa kgwele ya dinao, bophara se ka nna dikgato di le masome mane le borataro. Bangwe ba re se ne re reeletswe ka morafe wa Mendi kwa Sierra Leone. Se simolotse tiro se rwala dithoto, go tswa Bophirima jwa Aferika, go ya Liverpool kwa Ennyelane.

Ka ngwaga wa 1916, puso ya ga Mmamosadinyana ya se kopa go tsena mo ntweng, e e neng e lowa le Majeremane. Kwa Bophirima jwa Aferika Mendi o ne a fetolelwa kwa go rwaleng masole.

A kgaoganngwa gane, kwa nkong, le fa gare, go le manno le marobalo a bontsi jwa bapagami. Makgaoganyo a boraro a diretswe go rwala batho le dithoto; a bone kwa morago, e le one a mabotlana mo go one otlhe. Manno a bobedi ya nna kokelo ya sekepe le bonno jwa badiri ba sone.

Mosepele wa sone wa ntlha mo ntweng, e ne ya nna go rwala masole go tswa Nigeria go ya Mombasa kwa Kenya. Masole a, a ne a ile go thusa go lwantsha Majeremane kwa botlhaba jwa Aferika.

Ntwa e ne e tlhagogile kwa Yorupa ka ngwaga wa 1914. Ennyelane a tsena mo ntweng morago mme a kopa mafatshe a mangwe, a a neng a a busa, go mo thusa.

Mo Aferika borwa, mokgosi wa utlwala go tswa kwa Kapa go tsena Bechuanaland (Botswana); go tswa baneng ba ga Moshoeshoe, go ya kwa ga Mswati. Batho bantsho, di gatlhamela masisi, ba itatlhela mo go yone.  Mephato ya emelela ka go tlhatlologana. Mephato ya bantsho e ne ya bidiwa go thibela letsibogo la Fora, go feelela masole a Makgoa tsela. Ba ne ba ya go kganela Majeremane go tsaya borwa jwa lefatshe la Fora. Bontsi jwa masole a bantsho a emelela kwa bokhutlong jwa ngwaga wa 1916.

Mendi a tswa Mombasa a tla a tseeletsa mophato kwa Kapa.

O dule ka Kapa ka setlhoboloko a patilwe ke tse dingwe tse dikgolwane di le tlhano. Sekepe sa ntlha, mogobagoba Kenilworth Castle, se rwele masole a mangwe a Aferika Borwa; Orsova, Medic, Berrina le Port Lyttelton di relwe masole a Australia. Tsa phephethisa mosi wa magala tsa leba borwa bophirima.

Lobopo lwa Kapa lwa hunyela jaaka di ralala metsi, go fitlha go sala go bonala phogwana ya lekhubu la Table Mountain fela. Ba ile koo ba ageletswe ke metsi a mantsho.

Mendi o ne a rwele masole a ka nna makgolo a roba bongwe; bo kokobolo ba le batlhano, balatedi ba le lesome le bosupa.

Godimo ga moo, o ne a rwele masole a mangwe a a neng a golafetse mo ntweng, go a busetsa gae, a okametswe ke Kapoteni Henry Arthur Yardley. Lewatle e ne e le legae la gagwe la bobedi ka a ne a sale a etelela dikepe pele ka 1901.

O ne a thusiwa ke badiri ba le masome a robabobedi le borobabongwe (89). Bontsi e ne e le Manyelesemane, fa bangwe ba ne ba tswa Bophirima jwa Aferika.  Sekepe se gape se ne se rwele gouta ya madi a diponto tsa didikadike tse tlhano.

Tsa lelemela le metsi ka bonya go fitlha bosigo.

Go se bothata bope fa e se molwetse fela, fale le fale, ba ba neng ba kgwisiwa ke lewatle. Nako e ntsi ba rutuntshiwa tsamaiso ya go iphalotsa fa go ka tlhaga kotsi. Se ne se iphapile ka mekoro le mekorwana ya go falola fa go ka tlhokega.

Mendi a ema kwa Nigeria le Freetown kwa Sierra Leone go ja magala, go tshelwa metsi le go tsaya mhago. Kwa Freetown ba folosa gouta go tsewa ke sekepe sa Cornwall, se se tsileng se ba setse morago.

Morago ga malatsi a mararo dikepe tsa emelela go leba kwa Plymouth kwa Ennyelane. Malatsi a bofelo ba kgatlhantshiwa ke serame le pula. Loapi lwa tlhola lo thibile.

E ne e le mariga kwa moseja. Malatsi a masome mararo le bone ba sena go tswa ka Kapa, ba goroga kwa Plymouth. Bangwe loeto lwa bone lo felela fa, fa mophato o montsho one o ne o fetela kwa Fora.

Sekepe sa Berrina sa folosa masole a Australia pele ga se fetela kwa Lontone go isa morwalo wa sone. Mo tseleng, sa fulwa ke Majeremane, sa senyega fela thata, mme sa ikgoga go fitlha kwa Lontone. Sa feta sa baakanngwa koo pele ga se boela mo ntweng. E ne e le tshimologo ya mathata le botshelo jo bo diphatsa.

Sekepe sa SS Darro, se sone se neng se agilwe ka 1912, se ne se feta Mendi go menaganye, se ka rwala batho ba ka nna sekete le masome mabedi. Se ne se itekanetse fa se emelela. Mosepele wa sone o simologile kwa Buenos Aires, Morule a le lesome ka ngwaga wa 1916, se rwele nama e e tsidifaditsweng go ya Lontone.

E tla tswelela beke e e latelang.