Naledi

Matshidiso Osi e ne e le naledi tota

Matshidiso Osi
 
Matshidiso Osi

Dingwe tsa dinaledi tse,  tse go itsiweng gore fa go buiwa ka motshameko o, ga gona jaaka maina a tsone  a ka tlhoka go amiwa, Nngwe ya dinaledi tse ke Matshidiso Osi-Moses o lefatshe leno le hutsafetseng thata go tlhokafala ga gagwe ka  Matlhatso.

Naledi e ne ya re ngwaga ya 2015 ya nna le lesego la go bua le ene mo potsolotsong mabapi le motshameko o wa thenese ya tafole, tota mabaka e le go tlhotlhelediwa ke go bona ka fa a tlhorontshang ba bangwe ka teng mo dikgaisanong ka go farologana ga tsone, bogolo jang mo gae mo a neng a nna fela a itlhomile kwa setlhoeng.

Osi yo o tlholegang kwa motseng wa Pilikwe o ne a bolelela Naledi fa ene a tlholegile a tshameka metshameko e sele, pele a kgatlhwa thata ke motshameko o wa thenese. A re go tsena ga gagwe mo motshamekong o, o ne a seka a tlhola a leba kwa morago, mme ka ngwaga wa 2015 a neng a itsege thata mo mererong ya o ne.

Batshameki ba bangwe bane ba tlhaloganya sentle gore motshameko kgatlhanong le ene ga o ke o nna bonolo. Fela ene o ne a seka a rwala lenaka la gagwe go le letsa ka maipoko le maikgantsho mo go ba bangwe, go lebega gore o ne a tlhaloganya botlhokwa jwa go nna teng ga bone le gone go tshameka kgatlhanong le ene kgapetsakgapetsa.

Fa Naledi e mo kaya jaaka mogaka, o ne a tshega thata, a bua fa e se mogaka gotlhelele, mme a re bagaka ke bone ba a tshamekang le bone.

O ne a re motshameko mongwe le mongwe o ne a seke o nna motlhofo mme gantsi fa a thulanye le Tshepiso Rebatenne, Phemelo Gaborapelwe, Boitshwarelo Butale, Namibo Mbulawa le Oratile Kedisaletse, go ne goosha legong go sala lerole. Le fa e ne e le ene mofenyi wa liki ya CELIAT o ne a seka a letla se go mo ya kwa tlhogong go mo imela, sengwe se se neng sa supa sentle gore ke motshameki yo o neng a na le maikarabelo fela a a kwa godimo, a sa etse bangwe ba e reng motho o simolola go bona dikgatlego a bo a simolola go imelwa ke tlhogo le gone go tlhoka botho tota.

Mogolwane wa lekgotla la thenese la Botswana, Kudzanani Motswagole, o boletse mo puisanong le Naledi maabane gore ba hutsafetse thata ka ba latlhegetswe eseng ke motshameki fela, mme tota mosadi wa makganatsotlhe, yo o neng a na le botho jo bontle, ebile e le motho yo o itlotlang le go tlotla botlhe ba a berekang le bone.

A re Osi o ne a rata motshameko o wa thenese ya tafole thata, mme a kgonne go fitlha fa neng a le teng ka go bo a ne a le boineelo thata, a rata go ithuta mo go ba ba itseng, mme ebile a rata thata go fetisetsa se a se rutilweng kwa go ba bangwe, eleng seo a neng a tsena mo bokatising ka bonako.

Motswagole a re Osi le fa a ne a nna kgakala, o ne a tlhomamisa gore kgaisano nngwe le nngwe o nna teng go tsaya karolo, mme a ne a kgona go ikatisa fela a le nosi kwa a leng teng go ipaakanyetsa metshameko e e tlang, se a tlhalosa fa se ne se supa sentle gore motshameki yo, o ne a tsene mo motshamekong o, a itse se a se batlang.

A tswelela a bolela gore le fa a ne a na le ba bangwe, o ne a nna fela ka boitumelo jo bogolo, a sa rate go ne a ngala fela go sa re sepe, le bone batshameki ba ba botlana, go bolelwa fa a ne a ba naya tlotla fela e e tshwanang le ya ba ba golwane.

Batshameki ka ene le bone ba tlhalositse fa ba amegile thata go bona naledi e, e ba tlogetse, ba bolela fa ba ne ba setse ba tlwaetse go tshela le ene jaaka mokaulengwe wa bone mo motshamekong o.

Ba mo kaile ene ele , motho yo o bonolo, a tletse metlae le dinyao tse dintsi thata, ka fa neng a le teng go ne go nna go le monate thata.

Motshameki ka ene, Phemelo Gaboraplewe, a re Osi e ne e le motho yo o bonolo, a le lerato thata, a re bogale jwa gagwe bo ne bo bonala sentle fela ga a setse a palama tafole mo motshamekong ka a ne a sa rate go latlhegelwa gotlhelele, bogolo jang ka ntlha ya diphoso tse a neng a itse gore di ka mo senyetsa tshameko.

Gaborapelwe a re Osi o ne a se na motshameki ope yo a mo nyatsang, mme a ne a tsaya motshameko mongwe le mongwe ka tlhwaafalo.

A Mowa wa gagwe o robale ka Kagiso.