Naledi

Ditlhopha tsa liki ya Debswana di tlhoka thotloetso

Sydney Magagane
 
Sydney Magagane

Le fa go ntse jalo e santse e lebanwe ke namane e tona ya kgwetlho ka ditlhopha tsa yone di sa kgone go bona thotloetso kgotsa barotloetsi go tswa mo dikomponeng ka go farologana ga tsone. Gore liki e e dire sentle go botlhokwa thata gore ditlhopha tsa yone fela jaaka tsa liki ya BTC, di lope dithuso tsa madi le dithoto tsotlhe tse di tlhokafalang.

Motshameko wa kgwele ya dinao o ratiwa bobe go gaisa metshameko e mengwe, eleng seo gantsi bagwebi le dikompone di bonang go le botlhokwa thata go inaakanya le one.

Kwa mafatsheng a mangwe diliki tsa selekanyo sa ya Botswana ya Debswana di akola thata thotloetso ya madi le dithoto go tswa mo dikomponeng tsa mafatshe one a. Se ke sone se dirang gore e re ntswa diliki tse di le kwa tlase ga tse ditona mo go tsone, di bo di le mo seemong sa boleng jo bo kwa godimo thata go gaisa ya Botswana.

Liki e ya Debswana e na le ditlhopha tse di popota, bothata ba yone fela ke gore ditlhopha tse di ingwaa thata ka meno ka di sena madi a go ka itsamaisa le gone go duela batshameki ba tsone, bogolo jang ba ba nang le talente e e ka ngokang leitlho la ditlhopha tsa liki e kgolwane ya BTC.

Ditlhopha tsa motiya, tse dingwe di tshamekileng mo liking e kgolwane gareng ga tsone ele Notwane, TAFIC, TASC, Mogoditshane Fighters, Prisons XI, Unioa Flamingo Santos, GNT, Letlapeng, Killer Giants, FC Satmos, BR Highlanders le ECCO City Greens di tsweletse ka go ngoka tatedi e ntsi thata ka ntlha ya maitemogelo a tsone. Mo godimo ga se mekaloba ya lefatshe la Botswana ya kgwele ya dinao e akaretsa Township Rollers, Mochudi Centre Chiefs, Gaborone United, BDF XI, Police XI le Nico di kile tsa fologela mo go yone liki e.

Ka ntlha ya go bo di bone thotloetso ya dikompone ka go farologana, go ne ga nna bonolo gore di boele gape mo liking e kgolwane. Se e le sesupo sa gore fa setlhopha se na le madi a go itsamaisa go nna bonolo go diragatsa maikaelelo a sone.

Fa a bua ka go rotloediwa ga ditlhopha mogolwane wa liki e ya Debswana, Sydney Magagane o lela thata ka letlhoko la thotloetso ya madi go tswa mo komponeng. A re ga go nke go nna bonolo gore se kgone go itsamaisa le go atlega.

O boletse fa go nna thata go neneketsa batshamiki ka dikatso tsa mefufutso ya phatla. “Re feletsa re kgona go ribolola talente mme kgabagare ditlhopha tse di kgolwane di ba ngoke ka dituelo tse di botoka,” Magagane a tlhalosa jalo.

Letlhoko la mabala ke kgwetlho e tona ka bontsi jwa o ne a sa agelelwa mme letseno la madi le nne thata go ka bonala, seemo se se dire gore ditlhopha di se boelwe mme di ketefalelwe ke go itsamaisa.

Gone le fa ditlhopha tsa Debswana di tsweletse ka go sokodisiwa thata ke letlhoko la madi le thotloetso, se ga se ba kgobe marapo ka gope, ka tsone di tsweletse ka gore mafelo a beke nngwe le nngwe di bo di kgabisitse mabala go neela barati le balatedi ba tsone monate wa lebebe la kgwele ya dinao ka maikaelelo a go gwetlha bosimega jwa borwa le kwa bokone.