Blogs

Bangwe ba ka botsa gore Borwa ke mang

Nnyaa, tseo ga di sale gope. Fa motho a ntse a ya koo, a gola, di gole nae, mme e bile gongwe, di nne maswe thata. Mo go bangwe ditlhabi tsa mmele di gole, di oketsege; bangwe itsholelo e tlhofofale, ba bangwe ba opisiwe ditlhogo ke bana ka go tsamaya ditsela tse e seng tsone. 

E re go direga jalo, botshelo bo se ke bo nne monate, mme ke gone re utlwe Motswana a bua jaaka a bua jaana.Le fa go ntse jalo, e re re lebile ka ntlha e nngwe, bangwe ba bo ba ka re go gola go monate. E re dilo di ntse jaaka Motswana a ne a di bona jaana, go gola go bo go ka dirwa monate ke eng?

Di teng tse e ka reng le go se monate jalo, ka ntlha e nngwe, tsa natefisa botshelo. Re utlwa gore, mo malatsing a jale, go ne go na le dijo dingwe tse di neng di bidiwa meshomo, di jewa ke bagolo fela. Ga twe dingwe tsa dijo tse, e ne le diphilo. Ba re, malatsi ao, philo e ne e sa jewe ke mongwe le mongwe fela jaaka re bona gompieno . E ne e le moila gore ngwana o ka bonwa a a ja philo. Fa go bolelwa, ga twe, se e ne e le go tlotla bagolo. Go ntse go ntse jalo, e re fa mosimane a ka tla a bolaile kgaka, kana sengwe fela, a tswa go disa, a fe monnamogolo mme go twe, o a mo shomela; e ntse e le go supa tlotlo. Go bona dilo tse, bana ba bone fa go gola go le monate, ba go eletse. Dilo tsele tsa maloba di ile, bontsi jwa tsone ga di sa tlhole di dirwa.

Diphilo di ijelwa fela, ga di sa tlhole di shongwa. Bangwe ba ikgantshe ba re, ba a di ithekela. Le fa tsa maloba di ile, dilo dingwe malatsi ano di teng tsa go leka go tlotla bagolo/bagodi le go ba namola mathata a botshelo. Go ka dirwa jaana, go dira puso, kgotsa, go dira batho fela. 

Se rotlhe re se itseng ke gore, puso e ne ya tla ka mogopolo wa go thusa bagodi go itshetsa ka madi a kgwedi le kgwedi a bangwe ba reng ke tandabala.

Godimo ga moo, fa golo gongwe go ka fitlhelwa mogodi mongwe a se na fa a latsang tlhogo teng, a agelwe ntlo. Go bona tse, bana bangwe ba meletse bagolo mathe, ba bone fa go gola go le monate. Ba tlogele, ba tlaa goroga koo, ba tlaa re bolelela.Gompieno re utlwa gore, bagolo bangwe kwa Magoriapitse, ba ne ba fiwa dimpho dingwe. Ga twe dingwe tsa dilo tse, e ne le tse di tlhapang, ditlhatleo, le dikotlele.

Se, se direlwa eng? Pego ya re, mongwe wa ba ba neng ba rulagantse tiro e, a re, seo e ne e le go ipelela botshelo jwa bagodi bao le gore, ba le morafe wa Magoriapitse, ba itumeletse go bo motse wa bone o ikgantsha ka ditiro tsa bone. Bana bangwe ba bo ba ka nna ba metsa mathe ba bona bagolo ba direlwa jaana.

Mme le rona re bone selo se, e le tiro e ntle ya go lelediwa mogolokwane le go iteelwa legofi.Re utlwa fa tiro e ya go aba kwa Magoriapitse e sa simologe, e bile go ya ka polelo ele, e sa felele fa. Ga twe Mme Moremedi, mongwe wa basadi ba setlhopha se se neng se aba dimpho tsele, a re ba kile ba abela kgotla ya motse wa bone ditilo di le masome mabedi.

Go a bonala se, e ne le go ipelela boipuso jwa Botswana jwa masome a matlhano ka ga twe, ditilo tseo, di ne di kwadilwe Bot 50. Go feta foo, go utlwala gore,  ba itlamile go thusa gongwe le gongwe fa ba tlaa bonang go tlhokafala teng mo Magoriapitse.

Go bolelwa fa sengwe sa dilo tse setlhopha sa ga Mme Moremdi se ikaelelang go se dira, e le go aga poso, ka motse wa bone o se na poso. Ka moroto wa e esi ga o ele, a kopa morafe go ba tlatsa mo tirong e ya go lwela go tlhabolola motse.E rile go kgaogana le manatetshapuo a lefoko ‘tsebe,’ ra okomela  (Dikgang (Daily News/ Phalane 08 2018)  mme ra fitlhela polelo e ya Magoriapitse mo go yone. Temana ya ntlha ya polelo e ya re;‘Banni ba Magoriapitse mo kgaolong ya ga Borwa e rile bosheng ba abela bagodi ba le batlhano dimpho.’

Fa o ka bala temana e sentle, o tlaa utlwa gore ya re,’…mo kgaolong ya ga Borwa.’ Jaaka re a tle re bue, mohudi ga go fose wa tlhobolo fela. Motho mongwe le mongwe o ka fosa; a dira phoso. Fa go twe ‘…ya ga Borwa,’ re tlaa re ke phoso ka jaana kgaolo re itse ya Borwa, e seng ya ga Borwa. Re re, phoso eo, re a e amogela. Mme re fetele pele re re, fa e ne e le batho bangwe, ba sa itse fatshe leno, le dikgaolo tsa lone, ba ne ba ka botsa gore kgaolo eo ya ga Borwa ke efe, le gore ene motho yoo, Borwa, ke mang.

A go araba potso eo go ne go tlaa nna motlhofo, kana go nne thata, ga re itse. Mme re wele re ntse re re, a e re re kwala re ele tlhoko gore re kwala jang.