Blogs

A e baya mae kgotsa e a tsala?

Gone o ne a ageletse mme go a bonala dikgomo tsa nyatsa ka fa a neng a dirile ka teng, tsa tlhagelela tsa uputsa tshimo. Jalo he, a bona gore ngwaga ono, a agelele go feta jaaka a ne a dirile ngogola. Ba feta ba tlhagafala basimane ba dira tiro ka botlalo, ba tiile moko. A a bo a ntse a le foo metsi a masetlhana, go timola lorole, le go intsha lenyora.

Morago ga malatsi a mane, tiro ya wela. A leba Khudugo, a bona gore tota e dirilwe sentle, a itumela. Mme a se ka a leboga ka lefoko fela, a ntsha lebogo la kgomo e e neng e tlhabilwe maloba gore basimane ba nwe metsi. Ba ka tlhola ba re ka moso? Gone foo la tsena mo isong, ga apewa. E ne e le letsatsi le go neng go tshwanetse go boelwa gae ka lone. Go kile ga ko ga nna jalo? Go tsamaiwe, di salele mang?

Ga go na yo o kileng a gopola legae. Ba tlhotse koo, go jewa nama ele, go nowa dintshe tse Mma Dibabi a neng a tsogile a di ometse. Fa le phirima, ke go itumetswe thata, go itumeletswe nama ele le dintshe tsele. Ga lalwa koo. Letsatsi le le latelang ke gone ga boelwa gae.

Le fa gone go ne go ntse go jewa, go nowa, go le monate, pelo tsone di ne di ntse di gopotse ga Mma Ditshenyegelo. Kana e a re fa ba mo gopotse, ba mmolele ba sa kgale mathe ganong. Ba re jwa gagwe ga se bojalwa ke kgatsele ya tau. E re o botsa gore, fa ba rialo, ba raya eng, ba arabe ka gore, bo monate thata.

Ba re ga e ka ke ya re ka tsatsi lepe wa utlwa go twe ga bo a apewa sentle. Ga go ka ke ga twe bo tlhaetse momela wa tlase, kana wa godimo jaaka majalwa mangwe a tle a bolelwe. Gape, ga e ka ke ya re ka tsatsi lepe ga twe bo shele, bo nkga segau. Ba re boo, ga bo ke bo bolelwa ka sepe sa dilo tseo. Nnyaa, tseo fa o di batla, o ye go sele, e seng kwa ga Mma Ditshe. E re fa ba ka bo gopola le go ema ba se ke ba batle go ema gope.

Fa ba goroga ba tswa Lenatong, ba fetela koo. Ba tsena ba fitlhela kgang e le e sele, dinwelo tsotlhe di thulame, go se na le fa e le thothi. Fa ba botsa gore molato eng, go se na sepe jaana, ba arabiwa ka gore, go letse go nowa maabane mme ga sala thothinyana fela. Ga twe e rile bo ise bo se, batho ba bo ba setse ba le foo, ba e kgaritlha. Basimane ba tsidifalelwa. Mme ka mahulo ke a bone, ba a a itse, ka bofefo ba gakologelwa gore go na le Segaolane.

Ba tswa ka kgoro ba leba koo, mme fela, pelo di sa wela. Mo tseleng ke ba ipotsa gore, a ba tlaa fitlhela sengwe, le gore, fa se le teng, a se ka tshwana le ga ga Mma Ditshe. Fa ba ntse ba tshwere kgang eo, Monwedi a ba raya a re, ba e tlogele, ba itse gore, sebodu se lekwa ka legano. A re a ba letele fela gore ba tsene kwa ga Sega mme fa go na le sengwe, ba tlaa utlwa ka legano gore go ntse jang. Ba dumalana.

Fa ba atamela, ba namediwa ke go utlwa modumo le go lebela batho kwa ga Sega; ba dumela gore, sengwe se teng. Ga nna jalo. Ba fitlhela ditshekega di phophoma, lehulo la tsone e kete la mashi a kgomo tsa magwere. Ba se ka ba tlhola ba botsa gore ba ka nna fa kae. Ba fetela ka kwa morago, ba bona nna setlhare sa mokgalo, ba nna fa tlase ga sone. Ba e bitsa emetshane. A bo a le gaufi Monwedi. A ga, a hupa, a utlwa gore ke bone sentle. Ya bo e le fa basimane ba thibeletse. Ba  tlhotse foo, se tla ka molomo jaaka ba a tle ba bue.

Dikgang le tsone tsa tla, go buiwa ka sele le sele. Fa go ntse go tsweletse, motho a botsa gore, a noga e baya mae kana e a tsala. Basimane botlhe ba dumalana gore noga e baya mae.  A gana Monwedi a re, noga ga e beye mae, noga e a tsala. Bale ba kile ba re ba bua jaaka ba itse, a fela a ntse a gana Monwedi a re, noga e a tsala. Kgang ya tlhoka yo o ka e atlholang. Jaanong potso ke eo gore, a noga e baya mae, kgotsa e a tsala jaaka seane se re, noga e tsala nogana?

motshwanes@yahoo.com