Naledi

Khwae o boela mosakong

Khwae
 
Khwae

Lepolotiki le la lekgotla la Puo phaa, lene la latlhegelwa kgatlhanong le Itumeleng Moipisi wa Domkraga (BDP), ka pharologanyo ya palo ya batho bale 238, go lebilwe dipalo tsa ga Moipisi dile 4,648 le tsa ga Khwae dile 4,410.

Maduo a, ane a seka a makatsa baitsaanape ba ditso tsa sepolotiki, bare kgaolo e esale go phirimelelwa ga letlhogotshweu la sepolotiki sa Kgalagadi, Lesedi Mothibamele e amoganwa ke diphathi tsoopedi eleng BNF le BDP.

Khwae a re le fa a ne a latlhegelwa, o lemogile gore batho ba kgaolo ya gagwe ba ikwatlhaela tlhopho ya bone kgatlhanong le Moipisi.

A re fa e sale a nna mopalamente morago ga go fenya Victor Motobake wa BDP, o diretse batlhophi ba gagwe gole gontsi. A re o ne a inaakanya le boradikgwebo ka go farologana go simolodisa matlole a bopelotlhomogi bogolosegolo kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo.

A re o lemogile fa jaanong ditiro dingwe tsa bopelotlhomogi tse a di thamileng di supa go phutlhama.

“Mopalamente wa gompieno ga a itse go tshwarwa teu, ga ana lenaneo la bokamoso jwa ditogamaano tsa kgaolo tse a reng a ipapatsa ka tsone pele ga ditlhopho. Dikgwetlho tsa kgaolo ya Kgalagdi Bokone ke tse rre Mothibamele a di sokoletseng mme jaanong re lebile mopalamente wa gompieno e bile ele wa Domkraga gore a o tla dira dipharologano,” a rialo Khwae.

Khwae, yo o tlholegang kwa Kang, a re kgaolo ya Kgalagadi Bokone ga e tlhoke motho yo bolelelang batlhophi ka ditoro tsa gagwe mme e tlhoka moemedi yo o nnang meriti le bone go ntshana seinong, go sa kgathalesege gore ke ba phathi efe.

“O tle o reetse ka ipapatso ya ditlhopho tsa 2019, ba tla tsamaya bare retla epa didiba, retla gokela sediba sele le sele, retla aga tsela ele le ele, ba sa rena le tharabololo ya sennela ruri ya go tokafatsa seemo sepe fela,” a rialo khwae.

O boletse fa tharabololo ya metsi kwa kgaolong e, eka rulaganngwa ka go buisana le mekgatlho ya bopelotlhomogi ya mafatshe kana mebuso e mengwe tota le dikereke dingwe ka maikaelelo a go aga lefelo la go tlhatswa metsi a a letswai jaaka le le kwa Bokspits.

A re tharabololo e, e ka namola baagi ba kgaolo ya Matsheng ya metse ya Hukuntsi, Lehututu,

Lokgwabe le Tshane.

Khwae o bile a gakolola batlhophi ba Kgalagadi Bokone go fema go tlhopha ka mowa wa go jela mo ganong a re seo se ka seke se ba kgothaletse go tla ka megopolo ya go ipopa ditlhophana (syndicates) mo go simolodisang temothuo le dikgwebo.

A re le ntswa a ema nokeng megopolo e ya go thusa Batswana ka mananeo a tshwana le a, batlhophi ba seka ba lebelela gautshwane fela mme ba lebelele gore o ne mananeo a, a ka ba busetsa jang go lebilwe theko le thekiso mme gape ba lebelele ditlhabololo tse di kgolwane tsa sennela ruri.

“Mananeo a tshwana le a a itebagantseng le go thusa morafe wa Basarwa go itirela letseno ka go nonotsha dikoporase tsa bone, tota le gore ba itlhabolole ka leruo, ke ne ke a eme nokeng e bile ketla tswelela ke a rotloetsa,” a rialo Khwae.

Khwae a re ga a ngongoregele go thusa batho mme o utlwisiwa botlhoko ke batho ba ba tlhophang BDP fela gore ba lale ba tshwere mowa ka nako ya ditlhopho,mme ya bo ele gone jaaka ba lebogetswe go e tlhopha.

“Bane ba tshaba go ntlhopha ba re gongwe fa ba ka dira jalo batla seke ba bone mananeo amangwe a a umakilweng jaaka a Special ISPAAD, ka ba ne ba tsaya gore ke a ga Domkgrag, kante ga ba itse gore ko pheletsong ya letsatsi ke makgetho a bone,” Khwae a buwa jalo.