Naledi

Letlhoko la ditiro le a tshwenya

Seru se se wetseng babereki ba pele ba meepo ya BCL le Tati se bakile koketsego ya letlhoko la ditiro mme seemo seo se itshupile ka go oketsega ga batho mo mebileng.

Go supa fa seemo se se tlhoka go tsibogelwa ka bofefo ke puso le makalana a a ikemetseng ka nosi a dikgwebo. Se se bonagetse bosheng jaaka makgolokgolo a batho a ne a fetsa beke, moragonyana fela ga malatsi a keresemose le ngwaga o mosha, ba dirile mela ya go ikwadisetsa ditiro kwa lephateng la khiro.

Bontsi ba ne ba tshotse ditlankana tsa dithuto tsa borutabana, maenginiere, tota le ba ba diretseng kwa mabenkeleng.

Jaanong, a ke batho ba ba ikwadisetse ipelegeng kana jang?

Bontsi jwa bone ba supile fa ba bothabotha kwa maphateng a puso go leka go ikwadisetsa go kopa dithuso tsa puso jaaka tsa banana tsa YDF, Limid le ISPAAD.

Letlhoko la ditiro mo lefatsheng le gomagometsa go digela Batswana mo lehumeng la nta e tshetlha. lone.

Ka jalo, a puso e rulaganye bokopanyo jwa pitso go amogana megopolo le banaleseabe ka fa go ka tsibogelwang letlhoko la ditiro ka teng mo Botswana. Maphata ka go farologana le o ne a ka nna le seabe ga mmogo le dikgwebo tse di ekemetseng ka nosi.

Mogopolo o mongwe ke wa gore go remelelwe thata mo go simolodiseng madirelo a di tswa temo thuong jaaka a go suga matlalo le go dira dipholoche tsa ditlhako.