Naledi

Motswana A re...

Batho bangwe ba dumela gore mo pakeng eno, diane ga di sa tlhola di na le mosola, di siilwe ke nako. Bangwe ba tsaya gore di ne di dirisiwa ke batho ba pele, ka go ne go sena dithuto tsa segompieno tsa bogakolodi.

“Motswana a re…,” e dumela gore fa o e bala, e ka go rutaSetswana, jaaka bontsi jwa Batswana ba paka eno, ba sa itse go

bala Setswana, ga mmogo le go se bua tota.

Kholomo e, gape ke boipelo jwa segarona gore Batswana re teng, re ka kwala ga kwalega, ra balwa ga balega.

Fa o le mora” wa Setswana,

kholomo e ke letlotlo le legolo, ka jaana, e tla go ruta diane, e bo e go neela ka botlalo ditlhaloso, bogolo jang tse di tsamaelanang le mekgwa le tsamaiso ya botshelo jwa segompieno.

Kholomo e e siametse go dirisiwa ke barutabana mo dikoleng,

go ruta bana go bala Setswana, go kwala dipolelo, kana go lebelela mokgwa wa go kwala polelo, ga mmogo le go tsaya botlhale jo bo tseneletseng jo bo agilweng ka dipolelo, mekgwa le ditemalo tsa segarona.

Ga e felele fela mo baneng, e ka dirisiwa ke bagolo go ikaga, go aga bana mo lelwapeng, kgotla, motse le lone lefatshe.

E dirilwe ka mokgwa o e ka bopang batho kwa ditirong le matshelo a batho a letsatsi le letsatsi.

Popego ya kholomo e e dirilwe ka tsela e e ka gwetlhang tshekatsheko ke baithuti ba bo Mmadikole, bogolo jang ba ba ka batlang go kgala ka tsenelelo se se kwadilweng, kana ba tsweledisa maikaelelo a ka dipatlisiso tsa bone gore a mme diane di ka tsamaelana le matshelo a rona mo dipakeng tsa segompieno.

Dibui jaaka Mapolotiki, Barutegi le ba maemo a magolwane, ba ka

dirisa kholomo e go tsaya dikinolo tse ba ka di dirisang fa ba bua mo diphuthegong.

Babegadikgang ka metlhale yotlhe ba ka anywa tlotlontswe mo kholomong e, kana ba dira ditlhogo tse go ka buiwang ka tsone mo mananeong a bone.

Badiragatsi ba ka sela sengwe mo kholomong e, ka jaana ba diragatsa ka ngwao, mekgwa le ditemalo tsa Batswana, tse dingwe tsa tsone di ka tsamaelanang le se se buiwang fa.

Kholomo e mongwe o ka e dirisa ka tlhwaafalo, mongwe ka tsela ya itlosobodutu.