Naledi

Batshamiki ba liki ya Debswana ba kgothaditswe

Modipane United e nkgisana magwafa le Gabane Young Stars
 
Modipane United e nkgisana magwafa le Gabane Young Stars

Ka jalo go botlhokwa gore batshamiki ba liki e ya Debswana ba tlhwaafalele go itsaya tsia fa ba tshamekela ditlhopha tsa bone kwa leroleng.  Se se builwe ke mongwe wa batshamiki ba pele ba liki ya BTC, Teenage Podile mo puisanong le Naledi ka Mosupologo.    

Motshameki yo wa pele wa Centre Chiefs e bile a kile a tshamekela Dipitse, a re ntswa ditlhopha tsa liki ya Debswana di tshamekela kwa mabaleng a a senang motlho kana kwa leroleng jaaka  go tlwaetse go bidiwa, batshameki ba tshwanetse ba supa gore ba tlala kgologolo mme ba itome melomo ya tlase go ngoka phadisang e e mashetla le balekane ba bone, gore mogang ba tlhatlogang ba ngoke ditlhopha tse di popota tsa liki ya BTC.

Podile yo gape a kileng a tshamekela Modipane United, a re o dumela gore go bo balatedi ba kgwele ya dinao mo Botswana ba rata go lebelela metshameko ya liki ya Debswana, ke ka gore ba kgatlhegele talente e ntle e e kwa moding.

O boletse fa erile a sale tshamekong, batshameki le bakatisi bane ba na le maitlamo pele ga liki e simologa mme ba itshekatsheke fa e ntse e tsweletse, gona le gompieno mo o fitlhelang gona le ngangisano ya batshamiki ba gotweng ke ba bagolwane le ba ba utlwanang le mokatisi, mme seo se koafatse maikano a batshameki ba bangwe.

Motshameki yo mongwe, yo gape leng mokatisi wa Modipane United James “King Can” Tshekedi o boletse gore o tswa kgakala a rata bolo e bile a e tlotla.

A re ke ka moo a neng a kgatlhegele go tshameka kwa leroleng mme ka go dira ka natla mme a feletsa ale kwa diliking tse di kgolwane, selo se areng se dirile pharologanyo e tona mo go goleng ga gagwe.

O kopile batshameki ba kwa leroleng go leba kgwele jaaka itshetso ya bokamoso. Tshekedi o dumalana le Podile gore kgwele ya dinao ena le bokamoso. Bare go botlhokwa go tlhwaafalela ikatiso mme ba feme diritibatsi jaaka  nnotagi tse di amang itekanelo ya bone.

Mafoko a bone a ne a tlatswa ke motshameki wa Centre Chiefs le Nico, Ofentse “Nxomalo” Motlogelwa a re  o dumela gore liki ya Debswana e tshwanetse go kgatlha leitlho thata ka le yone e supa bokgoni jwa batshamiki  le ditshimega tsa isago.

Nxomalo a re batshameki ba liki ya Debswana ba tshwanetse go tlhaloganya gore ke bone ba ka ngokelang bontsi jwa balatedi mo go yone ka fa ba dirang ka teng, mme ebile gape ba ka koba barotloetsi fa ba sa supe tlhwaafalo e e solofetsweng.