Naledi

Chariot Moocha: O golotse Alebamo �The Covenant I have�

Moopedi yo o tsenang kereke kwa Warriors Church mo Mogoditshane, o kgaogantse dipina tsa gagwe ka mofuta wa kgalaletso wa dipina tse di bofefo le wa kobamelo, o o iketileng ka tlhago. O itlhophetse go dirisa diteme tsa Sekgoa le Setswana go ntsha molaetsa wa gagwe.

Pina ya ntlha “ The covenant I have,” moopedi o e neetse diletso tsa soukos,  mme a e opela e le bofefonyana ka seesimane, a dira bopaki jwa gore kgolagano e a na leng yone le Jesu ga e kitla e kgaolwa ke sepe.

Pina e, bontsi jwa badiragatsi ba a e opela, mme o e file motswako o o rileng. Kgogedi e kgolo mo pineng e ke diletso tsa meropa le go kuakuetsa ga gagwe.

Pina ya bobedi le yone e tlhamilwe ka seesimane, “Let your fire fall.” Kelelo ya moopedi fa ke e tseisang manya, fa a bua gore bogolo jwa Modimo bo diragale, a tsere lentswe la thero. Fa moopedi o itlhopetse go opela ka bonya, a obamela Modimo. Pina ya boraro, “Nnang lo re phomolo,” e bonya e gomotsa bana ba Modimo a bua gore Jesu ke tshepo.

Mo pineng, ketelelo ya moopedi ka letswe le le tlhabeletsang le seletswa sa keyboard ya ga Spyro se neela pina moribo o o nonofileng wa kobamelo.

Pina ya bone, moopedi o e tlhamile ka Setswana, “Ha Modimo a le teng,” le yone e bonya, a re fa Modimo a le teng go na le botshelo. Pina e e boeletsa lefoko, “Fola” kgapetsa, mo go yone a rotloetsa batho gore ba kope Jesu gore a ba fodise. Ka boyone fa motho a dumetse e ka mo fodisa. Pina ya botlhano, moopedi o okeditse lobelo,

“Agona mpuelele’” mo go yone o tlhagisa gore re fa Jesu a tlile ga go na mpuelele le intshwarele, go tla bo go fedile. Moribo wa teng ke wa boipelo, mme le yone e agegile bontle. Pina ya bofelo, o boela gape kwa moribong wa kobamelo, mme a e dira ka seesimane, “When I am with Jesus.” Fa e tswelela e nna bofefo, mme e na le morethetho wa rock, ka katara e e magogojwa le e e lentswenyana. Ka kakaretso moopedi o dirile motswako o montle o o ka siamelang go nna mofago o montle wa barati ba mmino wa gospel. Tiriso ya mantswe a bomme,

Sis Gaone, Sis Bokang le Sis Gorata, e nnile ntle go nonotsha alebamo. Le mororo alebamo e apeesegile sentle, mokwalo o o dirisitsweng mo sekapetlaneng, le etswa e le wa segompieno, ga se oo kgontshang mmadi yo o matlho makhutshwane go bala bonolo se se kwadilweng.

Ka jalo naledi e gakolola gore modiragatsi fa a kwala a rekegele bareki gore ba bale sentle.

Mokwalo wa Setswanale one go ne gorata a akareditse b aba itseng mokwalo o o lolameng go re se a se kwadileng se rune. Kwa ntle ga se, Alebamo e tiile go ka akarediwa mo letlotlong la barati ba mmino.