Blogs

Ga se go atla

Tiragalo e, e ne le eng? Polelo ya re, go ne go fitlhetswe ditonki golo gongwe, di ne di tshwerwe ka tsela e e seng yone. Go bolelwa fa ka palo, ditonki tseo, di ne di le makgolo matlhano mme tsotlhe di sule; dingwe di ne di bolailwe ka tsela nngwe e e bolelwang e ne e le setlhogo. Ga twe tse, go ne go ya go rekisiwa matlalo a tsone. Tse dingwe tsone, go utlwala fa di ne di sule fela, e le tlala le lenyora. Go fitlhela loruo lo gailegile jaana, ka palo e e kalo, tota go ka hutsafatsa.

 Fa ditonki tse di ne di ka kgaoganngwa ka maraka, moraka mongwe le mongwe wa nna masome matlhano, go ne go tlaa tswa maraka a le kae foo? Mme fa maraka ao, a boa a gailega jaaka re utlwa go ne ga direga jaana, beng ba one ba sale ka eng? Go nne thata. Gongwe dingwe di ne di ruetswe go golega di lema, di ya go ga metsi, gongwe go rwala dikgong jaaka re a tle re bone. Mme fa di ile jalo, botshelo bo pitlagane.

Morago ga tiragalo e, jaaka re utlwile, ga tshwarwa thuto puisanyo go lemotsha barui ka botlhokwa jwa tonki. Ga twe gone foo, puso ya emisa go rekisiwa ga nama ya tonki. Kgang ya nna gore, morui o ka tlhaba tonki fela fa e le gore o tlhabela go ja le ba lelwapa la gagwe, e seng go rekisa. Go a bonala kgato e ya tsewa e le go leka go oketsa dipalo tsa tonki mono gae. Mogopolo e le gore, a e se re o ruile tonki, wa itlhaganelela go e tlhaba go bona madi. A e re o e ruile, o e lete e gole, e tsale, e alose. Mme ditonkana tse, a le tsone di gole, di tle di tsale, di oketse sika Loo Tonki. Go sa dirwe jalo, ka bogodu le jone bo kalo, gongwe tonki e ka tloga ya jewa ya felela, kokomane tse di tlang tsa se ka tsa e fitlhela gope. Bangwe ba utlwalele fela go twe go kile ga ne go na le seruiwa go twe tonki, go se bona gone ba sa se bone gope. E nne kgang e e botlhoko. Re utlwa fa barui le bagwebi  ba ne ba lebogela thuto puisanyo ele, ba bo ba nna ba latlhela la bone. Ga twe le bone ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke bogodu le ka fa batho bangwe ba tshwarang tonki ka teng. Re itse gore mo go bangwe tonki ga se sepe. Mosimane o ka e bona, a e tsaya a palama, a ya kwa a yang teng. Fa a goroga koo, a e fologe, a kgaogane le yone. Gore e ya kae, e ya go hula kae, eo e se ke e nne kgang ya gagwe. Ene o a bo a gorogile kwa a neng a ya teng, a feditse ka yone. Yo mongwe le ene koo, a e bone, a dire fela jaaka yole. Le fa e golegilwe, re se ke re bone e kgweediwa ka seme se betlilwe sentle fela jaaka sa dikgomo. Nnyaa, go bitolwe fela ka sengwe le sengwe se se gaufi. Morwalo one di rwele o le kana ka eng? O le mogolo thata. Ga twe barui ba kopa puso go gagamaletsa ba ba sotlang tonki, le ba ba utswang, molao.

Go bonala fa kgwebo ya tonki e ka tswa tema, le fa gone dilo dingwe di e eme pele, sengwe e le bone bogodu. Re utlwa fa Rre Selalelo Mpotokwane, wa lekana la dipatlisiso tsa dijo, a ne a kgothatsa Batswana go tsena mo kgwebong e, ka nama ya tonki e jewa thata kwa mafatsheng a Bophirima mme e bile e ka dira dijo tsa mehuta e mentsi. Ke eo tonki e bolelwa e ka tlhatlosa Motswana fa e ruiwa sentle fela jaaka kgomo, podi, nku, le diruiwa tse dingwe.

E rile re ntse re ya le dithota, ra boela fale, ngwaga e le 2017, mme ra kopana le Dikgang (Daily News/Lwetse 15 2017) ra sela polelo e ya kgwebo ya tonki mo go yone. Fa e ntse e tla e bega ka fa Rre Mpotokwane a neng a bua ka teng ka mosola wa tonki, Dikgang/Daily News  ya re;

‘A re…..go jewa ga ditswa tonking go setse go atla mo fatsheng leno.’

Tlhoma temana e matlho mme o tlaa bona lefoko  ‘atla.’

Gompieno re botsa gore a lefoko le, le dirisitswe sentle? Ga re itse gore, o tlaa araba jang, mme rona ra re, ga le a dirisiwa sentle. O botse gore molato ke eng? Molato ke gore, lefoko le, ga le nyalane le se se buiwang fa. O botse gape gore, le le nyalanang le se se buiwang ke lefe? Karabo e re, ke go  ‘ata.’ Potso e tle gape e re, pharologanyo fa gare ga ‘atla,’ le ‘ata’ ke eng? Re re, go atla, jaaka Thanodi ya Setswana e tlhalosa, ke go baya molomo mo lerameng, kana, mo molomong, go supa lorato; go suna. Fa o itumeletse motho o a mo atla. E re go ata, ke go nna gontsi ka palo, go ntsifala. Re dumalane. Fa loruo lo tsala thata, lo ntsifala, ga twe lo a ata. Gape, go ata, go ka raya go fela. Fa go gangwa, mme dikgomo di gamilwe tsotlhe, di feletse, ga go twe di feletse; Setswana sa re, di atile. A re eletlhoko, re farologanye go atla le go ata.