Blogs

A Setswana se balole

E re fa go lemilwe, ngwaga e le one sentle, go jewe fela mo masimo.

Ka dijwalo di butswa ka go tlhatlologana, e re pele ga tse e leng tsone tota di butswa, e bong mabele, mmidi, le dinawa, go jewe dikgankana, go jewe nyebu le makgomane.

E re fa go ntse go tla, go tlhabelwe marotse, go nowe magapu, go jewe mmidi wa ditlhotlha. O bidiwa wa ditlhotlha ka o a bo o sa ntse o le metsi, o ise o ome, o phuthiwe.

Motswana o ne a jwala a tlhakatlhakanya jaana ka o ne a itse gore, mabele, a e leng ne dijo tota, a tsaya nako go butswa. A jwale dithotse tsa marotse, magapu, makgomane/maraka, le tse dingwe tse di tlaa itlhaganelang di jewe mabele a ise a butswe, a bo a rojwe.

Dithotse di thunye di bo di beye, mmidi o belese o bo o tsenye, dinawa di jewe nyebu, mabele one a sa ntse a letilwe go butswa. E re le motho a feta fela a dumedisa, a je a kgore, kgotsa a fiwe go ya go ja kwa pele.

Ka thata Motswana  o ne a a ja mo tshimong, e re le fa a reka, e bo e le go thiba fela fale le fale.

Jaaka re setse re buile, nako eo go ne go lemelwa go jela fela mo ganong, e seng go rekisa. Go rekisa go ne go le teng mme e se mo go kalo.

Fa botshelo bo ntse bo tsweletse dilo tsa fetoga. Motswana a tswelela a lema mme e se go lemela go ja fela.

A lema a lemela go ja le go rekisa. Fa pula e dikile e nele sentle, thobo e le teng, dijo dingwe di jewe mme tse dingwe di rekisiwe.

Gompieno fa re ntse re tsamaya, re a tle re bone bangwe fa tlase ga tsela ba rekisa mmidi, magapu, dinawa, ntshe le tse dingwe fela jalo; tse tsotlhe di tswa mo masimo.

Bangwe ba a bo ba roba mo masimong a bone, bangwe ba rekile mo go ba bangwe balemi. Mogopolo e le eng? Mogopolo e le gore, Motswana a se feletse fela mo ganong mme mo gongwe a rekise, a tle a kgone go itlhatlosa mo go tse dingwe ditiro.

Dilo tsa nna tsa fetoga. Fela jaaka Motswana a rile, ngwaga ga o rwalele o mongwe, dingwaga dingwe di tla ka leuba. Ba le bantsi ba palelwe ke go lema. Bangwe ba leme mme ba se ke ba bone thobo epe e e kalo. Go nne thata. Go se na pula, go sa lengwa, dijo di ka tswa kae, phulo ya tswa kae?

Batho ba tlhoke dijo, loruo le lone lo tlhoke phulo. Go bona fa e a re pula e se yo, dilo tsotlhe di nne thata, ga tla mogopolo wa gore, a e se re go lengwa, ga lejwa tse di jewang ke batho fela.

Ga twe, a loruo le lone lo akanyediwe, dijwalo dingwe e nne tse di ka lo fepang ka nako ya leuba. Mogopolo o bangwe ba ne ba o atla. Ba simolola go lema ba lemela go ja le go jesa loruo. Lebaka e le eng? 

Lebaka e le gore, seemo sa loapi le sone se ntse se a fetoga, pula e ntse e a ngotlega. Se ke se re neng ra se bona ngwaga tse tharo tse nne tse di fetileng. Pula ya kalela, leuba la galefa, ga nna maswe.

Fa e kete re tlaa itlhoboga, ya tshologa pula. E ne e rile pele ga e na, Tepo Loapi ya tshela bola mme jwa supa fa ngwaga ono e tlaa na o monate thata. Ga nna jalo, ya na, ya netefatsa se Tepo Loapi e neng ya se bua.Ka nako eo, re ne re setse re batla go tlhoboga mme go e bona, ra nametsega, ra tiya moko.

Fa e bua ka molemi mongwe, yo le ene a neng a batla go itlhoboga a bona pula e se yo, Dikgang (Daily News Labobedi  Phalane 18 2016) ya re;

“A re maikutlo a ne a fetoga morago ga go utlwa pego ya gore ngwaga o wa temo o tlaa itemogela dipula tse di nametsang.”

Ke ao. Ga twe ngwaga o tlaa itemogela dipula. Go a utlwala gore go buiwa ka eng. Potso ke gore, a fa go twe ngwaga o tlaa itemogela dipula, go a balola?

 A ke Setswana se se ka leledilwang mogolokwane, sa iteelwa legofi?  Ga re itse gore wena o tlaa araba jang. Mmualebe ene a re, go na le mafoko a a botoka a neng a ka dirisiwa.

Motswana wa maloba o ne a ka re, ngwaga ono e tlaa nna wa pula, a raya gone gore pula e tlaa nna ntsi; a re, ngwaga ono re tlaa newa ke pula e namagadi. Mmualebe a re, lefoko ‘go itemogela’ ga le balole. A re, a e re re kwala Setswana se balole, e seng go dirisa mafoko a a lolea.

 

motshwanes@yahoo.com